Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta?

A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta?

 Nnyaa. Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete e seng Baporotesetanta. Ke eng fa re rialo?

 Boporotesetanta bo tlhalosiwa e le “mokgatlho wa bodumedi o o kgatlhanong le dithuto tsa Kereke ya Roma.” Le fa gone e le boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ga ba dumalane le dithuto tsa Kereke ya Katoliki, ga re Baporotesetanta ka ntlha ya mabaka a a latelang:

  1.   Dithuto tse dintsi tsa Baporotesetanta di kgatlhanong le se Baebele e se rutang. Ka sekai, Baebele e ruta gore “go na le Modimo a le mongwe,” e seng Medimo e le Meraro Mo go A le Mongwe. (1 Timotheo 2:5; Johane 14:28) Gape e ruta gore Modimo o otlhaya baikepi ka go ba senya ka bosakhutleng, e seng ka molelo wa dihele.—Pesalema 37:9; 2 Bathesalonika 1:9.

  2.   Ga re kgatlhanong le Kereke ya Katoliki kgotsa bodumedi bope fela e bile ga re leke go bo fetola. Go na le moo, re rerela batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka maiteko a go ba thusa gore ba nne le tumelo mo dikgannyeng tseo tse di molemo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ga re leke go fetola bodumedi bope fela mme re ruta batho ba ba peloephepa boammaaruri ka Modimo le ka Lefoko la gagwe, Baebele.—Bakolosa 1:9, 10; 2 Timotheo 2:24, 25.