Fetela kwa tshedimosetsong

Ke ka Ntlha Yang Fa lo Sa Bitse Lefelo le lo Kopanelang mo go Lone Kereke?

Ke ka Ntlha Yang Fa lo Sa Bitse Lefelo le lo Kopanelang mo go Lone Kereke?

 Mo Baebeleng, lefoko la Segerika le ka dinako tse dingwe le ranotsweng e le “kereke” le kaya setlhopha sa baobamedi e seng kago e ba kopanelang mo go yone.

 Ela tlhoko sekai seno: Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma, o ne a romela ditumediso kwa banyalaning bangwe e bong Akhwila le Peresila a bo a re: “Dumedisang kereke e e kopanelang mo ntlong ya bone.” (Baroma 16:5, Contemporary English Version) Paulo o ne a sa reye gore go dumedisiwe kago. Go na le moo, o ne a dumedisa batho—phuthego e e neng e kopanela mo ntlong eo. a

 Ka jalo, go na le gore re re lefelo la rona la kobamelo ke kereke, re le bitsa “Holo ya Bogosi.”

Ke ka Ntlha Yang Fa lo Re ke “Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa”?

 Polelwana eno e a tshwanela ka ntlha ya mabaka a le mmalwa:

  •   Kago eo ke holo kgotsa lefelo le go kopanelwang mo go lone.

  •   Re kopana mmogo go obamela Jehofa, Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng le go neela bosupi kgotsa go bua ka ene.—Pesalema 83:18; Isaia 43:12.

  •   Gape re kopana mmogo go ithuta ka Bogosi jwa Modimo, jo Jesu a neng a bua ka jone gantsi.—Mathaio 6:9, 10; 24:14; Luke 4:43.

 O gololesegile go etela Holo ya Bogosi e e gaufi le fa o nnang gone mme o iponele kafa Basupi ba ga Jehofa ba tshwarang dipokano tsa bone ka teng.

a Go na le mafoko a a tshwanang mo go 1 Bakorintha 16:19; Bakolosa 4:15; le Filemone 2.