Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Thusa ka Dilwana Tsa Namolo ka Nako ya Dikotsi Tsa Masetlapelo?

A lo Thusa ka Dilwana Tsa Namolo ka Nako ya Dikotsi Tsa Masetlapelo?

 Ee, gantsi Basupi ba ga Jehofa ba a thusa fa go nna le dikotsi tsa masetlapelo. Re thusa Basupi le batho ba e seng Basupi ka dilwana tsa namolo, go dumalana le taelo ya Baebele e e mo go Bagalatia 6:10 e e reng: “A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” Gape re leka go kgothatsa batho le go ba thusa ka dilo tsa semoya, e leng dilo tse ba di tlhokang thata ka dinako tseo.—2 Bakorintha 1:3, 4.

Mokgatlho

 Morago ga kotsi ya masetlapelo, bagolwane ba diphuthego tsa mafelo a a amegileng ba ikgolaganya le batho botlhe ba ba mo diphuthegong tseo go bona gore a ba babalesegile le gore ba ka ba thusa jang. Go tswa foo, bagolwane ba itsise ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong leo se ba se fitlheletseng le gore ba lekile go thusa ka ditsela dife.

 Fa e le gore diphuthego tsa lefelo leo ga di kgone go naya batho thuso e e lekaneng ya namolo, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se rulaganya go thusa ka dilo tse di tlhokegang. Eno ke yone tsela e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba tlhokomelana ka yone ka nako ya leuba. (1 Bakorintha 16:1-4) Ofisi ya lekala ya lefelo leo e tlhoma Dikomiti Tsa Namolo Tsa Dikotsi Tsa Masetlapelo gore di rulaganye le go kaela tiro eo. Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ithaopela go dirisa nako ya bone le dilwana tsa bone gore ba thuse.—Diane 17:17.

Meneelo

 Mengwe ya meneelo e e rometsweng kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e dirisediwa go thusa batho ba ba amilweng ke dikotsi tsa masetlapelo. (Ditiro 11:27-30; 2 Bakorintha 8:13-15) E re ka tiro eno e dirwa ke baithaopi ba ba sa duelweng, meneelo e e ntshitsweng e dirisediwa tiro ya namolo, ga e dirisiwe ka tsela e mekgatlho mengwe ya namolo e dirisang madi ka yone. Re tlhomamisa gore re dirisa meneelo yotlhe sentle.—2 Bakorintha 8:20.