Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Dira Tiro ya Borongwa?

A lo Dira Tiro ya Borongwa?

 Ee. Go sa kgathalesege gore re nna kae, ka metlha rona Basupi ba ga Jehofa re leka go nna le moya wa borongwa ka go bolelela batho ba re kopanang le bone se re se dumelang.—Mathaio 28:19, 20.

 Mo godimo ga moo, Basupi bangwe ba etela kgotsa ba fudugela kwa mafelong mangwe mo dinageng tsa bone kwa go nang le batho ba le bantsi ba ba iseng ba utlwe dikgang tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng gone. Basupi ba bangwe ba fudugela kwa dinageng di sele gore ba oketse bodiredi jwa bone. Ba itumelela go nna le seabe mo go diragatseng boporofeti jono jwa ga Jesu: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8.

 Ka 1943 re ne ra tlhoma sekolo se se thapisang bangwe ba barongwa ba rona. Fa e sa le ka nako eo, Basupi ba feta 8 000 ba ile ba ya kwa sekolong seno se se bidiwang Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade.