Fetela kwa tshedimosetsong

Karolo ya Bobedi ya Ditshwantsho Tsa Lekala la Boritane (September 2015 Go ya Go August 2016)

Karolo ya Bobedi ya Ditshwantsho Tsa Lekala la Boritane (September 2015 Go ya Go August 2016)

Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa ya Boritane e e kwa Mill Hill kwa London e fudugela kwa lefelong le le dikilometara di ka nna 70 go ela kwa botlhaba jwa toropo ya Chelmsford kwa Essex. Ditshwantsho tse di latelang di bontsha tiro e e setseng e dirilwe go tloga ka September 2015 go fitlha ka August 2016.

October 29, 2015—Lefelo la go baya dilo tsa go aga

Badiri ba tshela konkereite mo pele ga karatšhe e e tlileng go dirisediwa go baakanya metšhine e e dirisiwang mo porojekeng eno.

December 9, 2015—Lefelo la go baya dilo tsa go aga

Badiri ba tsenya marulelo mo kagong e e tlileng go dirisediwa go nna diofisi le lefelo la go jela ka nako ya porojeke.

January 18, 2016—Lefelo la go baya dilo tsa go aga

Modiri o dirisa motšhine go ntsha ditlhare mo go tlileng go agiwa teng lefelo le batho le dikoloi di tla tsenang ka lone. Motšhine ono o sega setlhare le kutu ya sone go tswa foo o bo o se tsholetsa o se isa kwa ditlhare tse dingwe di bewang gone. Badiri ba tlile go lema ditlhare tse dingwe pele porojeke eno e fela.

March 31, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Badiri ba ntsha dilo tse di sa tlhokegeng mo mmung o ba tlileng go o dirisa mo porojekeng ya go aga.

April 14, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Badiri ba ipaakanyetsa go tsholetsa dikhonteina tse dikgolo ka motšhine. Dikhonteina tseno di tlile go dirisediwa go nna diofisi le mafelo a go tsenya dilo tsa go aga.

May 5, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Badiri ba ntsha matlakala ba bo ba tlhopha dilo tse di ka dirisiwang gape. Boikaelelo jwa komiti e e okametseng porojeke eno ke go tlhomamisa gore ga go nne le dilo tse dintsi tse di latlhiwang. Fa kago ya ntlha e ne e thubiwa, ba ile ba tsaya ditena, konkereite le dikota tse di sa ntseng di siametse go ka dirisiwa gape mme ba tlile go di dirisa golo gongwe mo porojekeng eno.

May 23, 2016—Lefelo la go baya dilo tsa go aga

Modiri o tswala khuti e e epilweng fa go ne go tsenngwa diphaepe tse di tsenang mo dikagong tse badiri ba tlileng go di dirisa ka nakwana fa ba ntse ba aga.

May 26, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Rakonteraka o tlhatlhoba mmu go bona gore a o ka dirisiwa go aga tsela.

May 31, 2016—Tsela e lekala le tlileng go lebega ka yone fa go feditswe

Ka May 31, 2016, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ile sa dumela gore polane eno e dirisiwe. Polane eo e ile ya amogelwa le ke mmasepala wa toropo mme seo se raya gore badiri ba ka simolola go aga.

June 16, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Badiri ba ntsha dilo tse di sa tlhokegeng mo mmung o ba o tsereng mo setsheng gore ba boe ba o dirise gape. Seno se thusa go fokotsa ditshenyegelo tsa go ntsha mmu go bo go rekwa o mongwe gape.

June 20, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Badiri ba baakanya lefelo le batho le dikoloi di tlileng go tsena mo go lone. Ba tsweletse ka tiro le fa gone dipula di dirile gore go nne seretse.

July 18, 2016—Lefelo la go baya dilo tsa go aga

Ba tshela metsi mo ditseleng go fokotsa lorole. Ba dira seno go boloka lefelo le ba berekelang mo go lone le le phepa ka gonne seo se tsamaisana le melao ya go aga ya masepala. Basupi ba ga Jehofa ba dira dilo go dumalana le melaometheo ya Baebele e e ba kgothaletsang gore ba tlhokomele tikologo le go akanyetsa baagelani ba bone.

July 18, 2016—Lefelo la go baya dilo tsa go aga

Kgaitsadi o sega ditshipi tse di tlileng go dirisiwa fa go tsenngwa diphaepe tsa go fetlha mowa.

July 22, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Badiri ba ntsha mmu mo matlakaleng. Mmu oo o pegwa mo loring. Motšhine o mogolo o tsenya mmu o o tlhakaneng le matlakala mo motšhineng o monnye mme one o kgaoganya mmu mo matlakaleng.

July 22, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Ba ntsha mmu o montsi mo setsheng gore se lekane le gore ba kgone go dira dilo go tsamaisana le polane le melao ya go aga.

August 18, 2016—Fa lekala le tlileng go agiwa gone

Setsha se setse se siame gore badiri ba ka simolola go aga. Fa o leba go ela ka fa molemeng kwa pelepele, o tla bona dikago tse di setseng di feditswe. Go nna badiri ba le 118 mo go tsone.