Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba ga Jehofa ba Newa Tlotla ka Ntlha ya go Thusa Batshwarwa

Basupi ba ga Jehofa ba Newa Tlotla ka Ntlha ya go Thusa Batshwarwa

Basupi ba ga Jehofa ba le robonngwe ba neilwe ditifikeite ka ntlha ya “tirelo e e manontlhotlho” e ba e diretseng batho ba ba neng ba tshwerwe kwa lefelong le legolo la go tshwara bafaladi kwa Australia. Basupi ba ile ba amogela ditifikeite tseno go tswa kwa Setheong sa Curtin sa go Tshwara Bafaladi se se gaufi le Derby, Western Australia. *

Beke le beke, Basupi ba etela batho batshwarwa go utlwa gore dilo di tsamaya jang le go ba gomotsa ka molaetsa wa Baebele o o nayang tsholofelo. Christopher Riddoch, modiredi yo o okametseng dipuisano tse di malebana le setso le bodumedi, a re: “Re kgona go bona diphetogo ka bonako fela fa Basupi ba sena go etela batshwarwa.” O ile a re batho ba ba tshwerweng ba itumela thata morago ga go etelwa ka gonne ba kgona go bona gore go na le batho ba ba ba kgathalelang.

Gape Rre Riddoch o ile a re ditifikeite tse di neilweng Basupi ke tsela ya go ba leboga ka ntlha ya go “tokafatsa matshelo a banna ba ba tshwerweng.” O ile a oketsa ka go re Basupi ba “dira gore ba malapa a bone, phuthego ya bone le tumelo ya bone di buiwe bontle.”

^ ser. 2 Lefelo leno le kgona go tshola banna ba le 1 500.