Fetela kwa tshedimosetsong

“Ke Dira Se ke Se Kgonang”

“Ke Dira Se ke Se Kgonang”

Irma o nna kwa Jeremane e bile o tloga a tshwara dingwaga di le 90. O ile a tlhagelwa ke dikotsi tse pedi tse di masisi mme ka ntlha ya seo, ga a ka a tlhola a kgona go rera ka ntlo le ntlo. Gone jaaanong o rerela ba masika le ditsala tsa gagwe ka go ba kwalela makwalo. Tsela e makwalo a ga Irma a kgothatsang le go gomotsa batho ba ba tlhokafaletsweng ka yone, e dirile gore bangwe ba bone ba mo founele ba mmotse gore o romela leng makwalo a mangwe. Gape go na le batho ba bangwe ba ba mo kwalelang makwalo ba mo leboga le go mo kopa gore a ba kwalele gape. Irma a re: “Seno se intumedisa fela thata e bile se dira gore ke tswelele ke rera.”

Gape Irma o romelela bagodi ba le bantsi makwalo. A re: “Mosadimogolo mongwe o ile a nfounela a bo a mpolelela gore lekwalo la me le ile la mo gomotsa fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala. A re o baya lekwalo leo mo Baebeleng ya gagwe mme o rata go le bala maitseboa. Mosadi yo mongwe yo o neng a sa tswa go tlhokafalelwa ke monna, o ile a mpolelela gore lekwalo la me le mo kgothaditse go feta thero ya moruti. O ne a na le dipotso tse dintsi e bile a batla go tla kwa go nna gore ke di arabe.”

Mongwe wa losika lwa bo Irma yo e seng Mosupi yo o fudugetseng kwa lefelong le le kgakala, o ile a kopa Irma gore a mo kwalele. Irma a re mosadi yoo ga a ka a latlha makwalo ao. Fa mosadi yoo a sena go tlhokafala, ngwana wa gagwe o ile a founela Irma. O ile a mmolelela gore o badile makwalo otlhe a Irma a neng a a kwaletse mmaagwe a bo a mo kopa gore a nne a mo kwalela makwalo a a nang le ditemana tsa Baebele.

Irma o itumelela go bua le batho ka Baebele. A re: “Ke tlhola ke kopa Jehofa gore a mphe maatla a gore ke kgone go mo direla. Le fa ke sa kgone go tsamaya mo matlong a batho, ke dira se ke se kgonang.”