Fetela kwa tshedimosetsong

Puneet Aggarwal, Delroy Williamson, Ashok Patel (kwa godimo go tswa ka fa molemeng go ya kwa mojeng); Mark Sleger, Jouni Palmu, Hiroshi Aoki (kwa tlase go tswa ka fa molemeng go ya kwa mojeng)

JULY 10, 2020
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Go Gololwa Dibaebele Tse Dingwe Gape Tse Thataro

Go Gololwa Dibaebele Tse Dingwe Gape Tse Thataro

Basupi ba ga Jehofa ba tlhomagantse dibeke tse pedi ba golola Dibaebele. Ka di 4 tsa July, 2020, go ile ga gololwa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Se-Bislama le Se-Oromo. Letsatsi le le latelang ka di 5 tsa July , go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Se-Latvia le Se-Marathi, go bo go gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo tsa Bokeresete Tsa Segerika ya Se-Bengali le Se-Karen (S’gaw). Dibaebele tseno di ne tsa gololwa ka ileketeroniki go dirisiwa dipuo tse di rekotilweng. Baboledi ba ne ba lebile thulaganyo eno ba le kwa malapeng a bone, mme ba ne ba itumelela mpho eno e e tswang kwa go Jehofa.

Se-Bislama

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Se-Bislama e e tokafaditsweng e ne ya gololwa ke mokaulengwe Mark Sleger, wa Komiti ya Lekala la kwa Fiji. Baboledi ba ba nnang kwa Vanuatu ba ne ba lebelela thulaganyo eno ba le kwa malapeng a bone ka Se-Bislama, gape e ne ya ranolelwa mo puong ya diatla ya Se-Bislama.

Go na le ditlhopha di le pedi tsa baranodi ba ba ileng ba tsaya dingwaga di le tharo ba ranola Baebele eno. Mongwe wa baranodi a re: “Bakaulengwe ba tla itumelela Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tokafaditsweng ka gonne go motlhofo go e bala e bile mafoko a a dirisitsweng mo go yone ga a thata. E tla re thusa go tlhaloganya boammaaruri botoka.”

Baboledi ba feta 700, ba ba buang Se-Bislama ba tla itumelela go dirisa Baebele eno fa ba ithuta ba le nosi le fa ba le mo bodireding.

Se-Oromo

Mokaulengwe Delroy Williamson, wa Komiti ya Lekala ya kwa Ethiopia, o ne a golola Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Se-Oromo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 12 548 go akaretsa le baboledi ba le 2 000 ba ba buang Se-Oromo, ba ne ba lebile kgotsa ba reeditse thulaganyo eno ba le kwa malapeng a bone.

Setlhopha se se Laolang se ne sa letlelela gore thulaganyo eno e e kgethegileng e gasiwe mo thelebisheneng. Gape baboledi ba ne ba kgona go reetsa thulaganyo eno ka founo.

Baranodi ba le batlhano ba ne ba fetsa dingwaga di le tlhano ba ranola Baebele. Baebele eno e tla thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rerelang batho ba ba buang puo ya Se-Oromo.

Se-Latvia

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Se-Latvia e ne ya gololwa morago ga dingwaga di le 12. Diphuthego tsotlhe tsa Se-Latvia le tsa Se-Russia tse di mo Latvia di ne tsa leba thulaganyo eno mmogo.

Mokaulengwe Jouni Palmu, wa Komiti ya Lekala la kwa Finland, o ne a neela puo e e gololang Baebele eno. O ne a re: “Re itumelela go golola Baebele eno, e e kwadilweng ka puo e e motlhofo go tlhaloganngwa ya Se-Latvia. Re solofela gore Baebele eno e tla dira gore lo itumelele go ithuta le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo.”

Mongwe wa baranodi o ne a bua jaana ka dintlha tse di oketsegileng tse di mo Baebeleng eno: “Go motlhofo go dirisa Baebele eno tota le fa o ithuta o le nosi.”

Se-Marathi

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Se-Marathi e ne ya gololwa kwa pokanong e e neng e tshwaretswe diphuthego tsotlhe tse di buang Se-Marathi kwa India. Mokaulengwe Puneet Aggarwal, wa Komiti ya Lekala la kwa India, o ne a golola Baebele eo.

Baranodi ba le barataro ba ne ba fetsa dingwaga di le thataro ba ranola Baebele eno. Mongwe wa bone o ne a re: “Thanolo eno e tla thusa thata batsadi fa ba ruta bana ba bone, le bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba ruta batho ba ba kgatlhegelang go itse boammaaruri jwa Baebele.”

Moranodi yo mongwe o ne a re: “Go a kgatlha go bona gore mo thanolong eno go buseditswe leina la Modimo, Jehofa, mo le neng le tlhaga teng mo mekwalong ya ntlhantlha. Batho ba tla bona leina la Modimo, Jehofa, mo e batlang e le mo tsebeng nngwe le nngwe mme Jehofa o tla galalediwa.”

Kwa India go na le batho ba feta 83 million ba ba buang Se-Marathi.

Se-Bengali

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ya Se-Bengali e ne ya gololwa ke Mokaulengwe Ashok Patel, yo e leng leloko la Komiti ya Lekala kwa India. Baboledi ba feta 1 200 kwa India le Bangladesh ba ne ba lebile thulaganyo eno.

Se-Bengali ke puo ya bosupa mo lefatsheng, e e buiwang ke batho ba feta dimilione di le 265. Baranodi ba ba farologaneng go tswa kwa India le kwa Bangladesh ba ne ba fetsa dingwaga di le tharo ba ranola Baebele eno, e go leng motlhofo gore batho le bantsi ba e tlhaloganye.

Mokaulengwe Patel o ne a bua jaana fa a beile puo: “Se-Bengali ke nngwe ya dipuo tsa ntlha mo India tse Baebele e ranoletsweng mo go tsone. Thanolo e e feletseng ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e ne ya gatisiwa ka ngwaga wa 1801. Selo se se kgatlhang ka Baebele eo ya Se-Bengali ke gore e ne e dirisa leina la Modimo, Jehofa. Le fa go ntse jalo, mo dithanolong tsa bosheng go ntshitswe leina la Modimo go bo go dirisiwa ‘Morena.’ Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika yone e nepile e bile go motlhofo go e tlhaloganya.”

Mongwe wa baranodi o ne a re: “Thanolo eno e bontsha gore Jehofa Modimo o rata batho botlhe e bile o batla gore ba ithute ka ene le ka morwawe e bong Jesu Keresete.”

Se-Karen (S’gaw)

Mokaulengwe Hiroshi Aoki, wa leloko la Komiti ya Lekala ya kwa Myanmar, o ne a golola Thanolo ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Se-Karen (S’gaw). Batho ba le 510 go tswa mo diphuthegong di le thataro le ditlhopha di le nnè ba ne ba lebile thulaganyo eno.

Go tshotse lobaka lo lo fetang ngwaga gore thanolo ya Se-Karen (S’gaw) e wediwe. Mongwe wa baranodi o ne a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi, tota le batho kwa tshimong ba tla itumelela go bala Baebele eno ya Se-Karen (S’gaw), ka gonne e buseditse leina la Modimo mo le neng le le gone e bile e ranoletswe mo puong e e dirisiwang letsatsi le letsatsi. E a utlwala, e opa kgomo lonaka, e bile go motlhofo go e tlhaloganya. Re leboga Jehofa ka mpho eno e kgolo e e tla re thusang go atamalana le ene, e e kwadilweng ka puo e re e tlhaloganyang sentle.”

Moranodi yo mongwe o ne a re: “Thanolo ya Lefatshe le Lesha e kwadilwe ka puo e e dirisiwang letsatsi le letsatsi ka jalo e tla thusa babadi go tlhaloganya tsela e batho ba mo Baebeleng ba neng ba ikutlwa ka yone, maemo a bone le go etsa tumelo ya bone.”

Re itumela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba amogetseng Dibaebele tseno. Ga re belaele gore Dibaebele tseno di tla thusa baboledi ba ba buang dipuo tseno go nna ba atamalane le Jehofa le go bolelela ba bangwe boammaaruri.—Johane 17:17.