Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e Bua Sengwe ka Thuto ya Pakatori?

A Baebele e Bua Sengwe ka Thuto ya Pakatori?

Karabo ya Baebele

Nnyaa. Lefoko “pakatori” ga le yo mo Baebeleng e bile Baebele ga e rute gore meya ya batho ba ba suleng e itshepisiwa kwa pakatoring. * Ela tlhoko gore Baebele ya reng ka boleo le loso mme o bone gore tlhaloso ya yone e farologana jang le thuto eno.

  • Go dumela mo mading a ga Jesu ke gone go tlosang boleo e seng pakatori. Baebele ya re “madi a ga Jesu [Morwa Modimo] a re phepafatsa mo boleong jotlhe” e bile gape ya re ‘Jesu Keresete o re golotse mo maleong a rona ka madi a gagwe.’ (1 Johane 1:7; Tshenolo 1:5) Jesu o ile a “ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:28, Baebele e e Boitshepo.

  • Batho ba ba suleng ga ba utlwe sepe. Baebele ya re “batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Motho yo o suleng ga a utlwe sepe ke ka moo a sa kgoneng go phepafadiwa ke molelo wa mo pakatoring.

  • Motho yo o suleng o golotswe mo boleong. Baebele ya re “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso” mme “yo o suleng o golotswe mo boleong.” (Baroma 6:7, 23) Tuelo ya boleo ke loso.

^ ser. 1 Buka ya Orpheus: A General History of Religions e bua jaana ka pakatori: “Ga go na Efangele epe e e dirisang lefoko leno.” Buka ya New Catholic Encyclopedia le yone ya re: “Fa re lebelela dilo sentle, re fitlhela gore thuto eno ya Katoliki ga e a thewa mo Dikwalong Tse di Boitshepo, go na le moo e theilwe mo go se batho ba se buang.”—Second Edition, Volume 11, tsebe 825.

^ ser. 8 Bona New Catholic Encyclopedia, Second Edition, Volume 11, tsebe 824.