Fetela kwa tshedimosetsong

A Modimo o Teng?

A Modimo o Teng?

Karabo ya Baebele

Ee, Baebele e naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Modimo o teng. E re kgothaletsa gore re nne le tumelo mo Modimong ka go dirisa ‘maatla a rona a go akanya’ le ‘bokgoni jwa go lemoga,’ go na le go dumela fela se bodumedi bo se buang. (Baroma 12:1; 1 Johane 5:20) Akanya ka mabaka a a latelang a a theilweng mo Baebeleng:

  • Go bo go na le lobopo lo lo rulagantsweng sentle go bontsha gore go na le Mmopi. Baebele ya re: “Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Le mororo mafoko ano a le motlhofo go a tlhaloganya, batho ba le bantsi ba ba rutegileng ba a fitlhela a le maatla. *

  • Ka tlholego fela re na le keletso ya go tlhaloganya bokao jwa botshelo, mme e tswelela e le gone morago ga go kgotsofatsa dilo tse re di tlhokang tsa senama. Seno se akaretsa se Baebele e se bitsang se re se “tlhokang semoyeng,” e leng keletso ya go itse Modimo le go mo obamela. (Mathaio 5:3; Tshenolo 4:11) Go tlhoka dilo tsa semoya ga go bontshe fela gore Modimo o teng mme gape go bontsha gore ke Mmopi yo o lorato yo o batlang gore re kgotsofatse se re se tlhokang semoyeng.—Mathaio 4:4.

  • Boporofeti jo bo kwadilweng ka botlalo mo Baebeleng bo kwadilwe diketekete tsa dingwaga pele bo diragadiwa, mme bo ne jwa diragala fela jaaka go ne go boleletswe pele. Dipolelelopele tseno di nepile e bile di na le dintlha tsotlhe ka botlalo, se se bontshang gore di tswa mo motsweding o e seng wa motho.​—2 Petere 1:​21.

  • Bakwadi ba Baebele ba ne ba na le kitso e ntsi ya saense go feta batho ba bangwe ba motlha wa bone. Ka sekai, bogologolo batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore lefatshe le tshegeditswe ke diphologolo tse di jaaka tlou, kolobe ya naga kgotsa poo. Go farologana le seo, Baebele ya re Modimo “o lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe.” (Jobe 26:7) Ka tsela e e tshwanang, Baebele e tlhalosa popego ya lefatshe ka nepo fa e re le “kgolokwe” kgotsa “sediko.” (Isaia 40:22; Douay Version) Batho ba le bantsi ba dumela gore lebaka la go bo bakwadi ba Baebele ba ne ba tlhaloganya dilo tseno ka tsela e e utlwalang e ne e le ka ntlha ya go newa tshedimosetso eno ke Modimo.

  • Baebele e araba dipotso tse dintsi tse di thata, tse fa di sa arabiweng ka botlalo di ka dirang gore batho ba felele ba latola Modimo. Ka sekai: Goreng Modimo yo o lorato le yo o maatlaotlhe a letla gore go nne le pogo le boikepo mo lefatsheng? Goreng bodumedi gantsi bo tlhotlheletsa batho gore ba dire bosula go na le go dira molemo?—Tito 1:16.

^ ser. 2 Ka sekai, Allan Sandage, moithutadinaledi yo o tlhokafetseng, o kile a bua jaana ka lobopo: “Ke bona go sa utlwale tota go dumela gore thulaganyo e e kanakana e bo e simologile fela mo tlhakatlhakanong. Go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se tlisang thulaganyo. Ke tsaya gore Modimo ke masaitseweng mme ke dumela gore ke ene a dirileng gore go nne le botshelo, go seng jalo go ka bo go se na sepe.”