Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Bojalwa? A go Bo Nwa ke Boleo?

Baebele ya Reng ka Bojalwa? A go Bo Nwa ke Boleo?

Karabo ya Baebele

Ga se boleo go nwa bojalwa ka selekanyo se se siameng. Baebele e tlhalosa beine e le mpho e e tswang kwa Modimong e e ka dirang gore motho a itumelele botshelo. (Pesalema 104:14, 15; Moreri 3:13; 9:7) Gape Baebele e dumalana le gore beine e na le mosola mo go alafeng.—1 Timotheo 5:23.

Jesu o ile a nwa beine fa a le mo lefatsheng. (Mathaio 26:29; Luke 7:34) Kgakgamatso nngwe ya ga Jesu e e itsegeng thata ke ya fa a ne a bontsha bopelotshweu ka go fetola metsi go nna beine kwa moketeng wa lenyalo.—Johane 2:1-10.

Dikotsi tsa go nwa phetelela

Le fa gone Baebele e umaka melemo ya beine, e kgala botagwa le go nwa bobe. Ka jalo, Mokeresete yo o itlhophelang go nwa bojalwa, o dira jalo ka selekanyo se se siameng. (1 Timotheo 3:8; Tito 2:2, 3) Baebele e ntsha mabaka a le mmalwa a go tila go nwa bojalwa phetelela.

  • Bo dira gore motho a se ka a akanya sentle. (Diane 23:29-35) Motho yo o tagilweng a ka se kgone go ikobela taelo ya Baebele e e reng, “lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.”—Baroma 12:1.

  • Go nwa phetelela go ‘tlosa boitlhomo jo bo molemo’ e bile go dira gore motho a palelewe ke go ikgapa.—Hosea 4:11; Baefeso 5:18.

  • Bo ka dira gore motho a humanege e bile bo ka baka malwetse a a masisi.—Diane 23:21, 31, 32.

  • Go tagwa le go nwa phetelela ga go itumedise Modimo.—Diane 23:20; Bagalatia 5:19-21.

Fa go twe motho o nole phetelela, ke fa a nole go le go kae?

Motho o a bo a nole bojalwa phetelela fa go nwa goo go tsenya botshelo jwa gagwe kgotsa jwa ba bangwe mo kotsing. Fa Baebele e tlhalosa motho yo o tagilweng ga e re ke fa a idibetse, mme ya re ke fa a tlhakane tlhogo, a thethekela, a le dingalo kgotsa a bua a goloketsa. (Jobe 12:25; Pesalema 107:27; Diane 23:29, 30, 33) Tota le ba ba tilang go tagwa ba santse ba ka “imelwa ke . . . go nwa bobe” ba bo ba lebana le diphelelo tse di botlhoko.—Luke 21:34, 35.

Go sa nwe bojalwa gotlhelele

Gape Baebele e tlhalosa dinako tse mo go tsone Mokeresete a tshwanetseng go tila go nwa bojalwa gotlhelele:

  • Fa e le gore ba bangwe ba tla kgopisega.—Baroma 14:21.

  • Fa e le gore bojalwa ga bo letlelelwe mo nageng e o leng mo go yone.—Baroma 13:1.

  • Fa motho a sa kgone go laola tsela e a nwang ka yone. Ba ba nang le bothata jwa go nwa phetelela ba tshwanetse go lwantsha bothata joo ba tiisitse mooko.—Mathaio 5:29, 30.