Fetela kwa tshedimosetsong

A go A Tlhokega Gore o Nne Leloko la Kereke Nngwe?

A go A Tlhokega Gore o Nne Leloko la Kereke Nngwe?

Karabo ya Baebele

Ee, ka gore Modimo o batla batho ba kopana mmogo go tla go mo obamela. Baebele ya re: “Mme a re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.”—Bahebera 10:24, 25.

Jesu o ne a bontsha gore balatedi ba gagwe ba tla nna setlhopha se se rulaganeng fa a ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla kgona go bontsha lorato lono segolobogolo fa ba na le badumedimmogo ka bone. Ba ne ba tla rulaganngwa ka diphuthego tse di kopanang ka metlha go tla go obamela Modimo. (1 Bakorintha 16:19) Diphuthego tseno fa di kopanngwa, di dira phuthego e le nngwe ya lefatshe lotlhe.—1 Petere 2:17.

Ga se kgang ya go nna leloko la bodumedi fela

Le fa gone Baebele e re batho ba tshwanetse go kopana mmogo go tla go obamela Modimo, ga e rute gore motho o ka itumedisa Modimo ka go nna leloko la kereke nngwe fela. Gore motho a amogelwe ke Modimo, bodumedi bo tshwanetse go laola tsela e a tshelang ka yone. Ka sekai Baebele ya re: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.”—Jakobe 1:27.