Fetela kwa tshedimosetsong

A Tota Madimona a Teng?

A Tota Madimona a Teng?

Karabo ya Baebele

Ee. Madimona ke “baengele ba ba neng ba leofa,” dibopiwa tsa moya tse di neng tsa tsuologela Modimo. (2 Petere 2:4) Moengele wa ntlha yo o neng a iphetola ledimona ke Satane Diabolo, yo Baebele e mmitsang “mmusi wa madimona.”—Mathaio 12:24, 26.

Botsuolodi jwa motlha wa ga Noa

Baebele e tlhalosa ka botsuolodi jo bo neng jwa dirwa ke baengele pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa: “Bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha.” (Genesise 6:2) Baengele bao ba ba boikepo kgotsa ba ba oleng ba ne “ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” kwa legodimong ba bo ba fetola mebele ya bone gore e nne ya senama gore ba tlhakanele dikobo le basadi.—Jude 6.

Fa Morwalela o tla, baengele bao ba ne ba tlogela mebele ya bone ya senama mme ba boela kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba leleka mo lelapeng la gagwe. Nngwe ya katlholo e Modimo a neng a atlhola madimona ka yone ke go dira gore a se tlhole a kgona go fetola mebele ya one gape go nna ya batho.—Baefeso 6:11, 12.