Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka go Tshelwa Madi?

Baebele ya Reng ka go Tshelwa Madi?

Karabo ya Baebele

Baebele e laela gore re se ka ra ja madi kgotsa ra a tsenya mo mebeleng ya rona. Ka jalo ga re a tshwanela go ja madi kgotsa dikarolwana tsa one ka tsela epe fela, e ka ne e le mo dijong kgotsa ka go tshelwa madi. Ela tlhoko ditemana tse di latelang:

  • Genesise 9:4. Morago ga Morwalela, Modimo o ne a letla Noa le ba lelapa la gagwe gore ba je nama ya diphologolo mme gone o ne a ba laela gore ba se ka ba ja madi. Modimo o ne a raya Noa a re: “Fela nama e e nang le moya wa yone—madi a yone—lo se ka lwa e ja.” Go tloga ka nako eo, taelo eo e ile ya ama batho botlhe ka gonne botlhe ke ditlogolwana tsa ga Noa.

  • Lefitiko 17:14. “Lo se ka lwa ja madi a nama ya mofuta ope fela, ka gonne moya wa nama ya mofuta mongwe le mongwe ke madi a yone. Ope yo o a jang o tla kgaolwa.” Modimo o ne a leba moya, kgotsa botshelo, bo le mo mading e bile e le jwa gagwe. Le fa molao ono o ne o neilwe setšhaba sa Iseraele fela, o bontsha gore Modimo o tsaya molao wa go ithiba mo mading o le masisi.

  • Ditiro 15:20. “Ithibe . . . mo mading.” Modimo o neile Bakeresete taelo e e tshwanang le e a neng a e neile Noa. Dilo tse di diregileng mo motlheng wa bogologolo di bontsha gore Bakeresete ba pele ba ne ba gana go ja madi kgotsa go a dirisa mo go tsa kalafi.

Ke eng fa Modimo a re laela gore re ithibe mo mading?

Go na le mabaka a a utlwalang a tsa kalafi a gore re tile go tshelwa madi. Mme sa botlhokwa le go feta ke gore, Modimo o re laela gore re ithibe mo mading ka gonne madi a emela sengwe se a se tsayang se le boitshepo.—Lefitiko 17:11; Bakolosa 1:20.