Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e Dumelela Batho go Tlhala?

A Baebele e Dumelela Batho go Tlhala?

Karabo ya Baebele

Baebele e dumelela batho go tlhala. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhalosa lebaka le le lengwe fela le motho a ka tlhalang ka lone, ka go re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo [tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang], mme a nyala yo mongwe o dira boaka.”—Mathaio 19:9.

Modimo o ila tlhalo e e dirwang ka tsietso. O tla dira gore ope fela yo o tlogelang molekane wa gagwe ka boferefere a ikarabelele ditiro tsa gagwe, segolobogolo fa motho a dira jalo gore a tle a nyale molekane o sele.—Malaki 2:13-16; Mareko 10:9.