Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Kgololesego? A Modimo o Laoletse Gale Botshelo Jwa Me?

Baebele ya Reng ka Kgololesego? A Modimo o Laoletse Gale Botshelo Jwa Me?

Karabo ya Baebele

Modimo o re file kgololesego, e leng bokgoni jwa go itirela ditshwetso go na le gore Modimo kgotsa maatla mangwe a laolele gale se re se dirang. Ela tlhoko se Baebele e se rutang.

  • Modimo o bopile batho mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26) Go farologana le diphologolo tse di se nang maikutlo, rona re tshwana le mmopi wa rona ka bokgoni jwa go bontsha dinonofo tse di jaaka lorato le tshiamiso. Mme jaaka Mmopi wa rona re na le kgololesego jwa go itirela ditshwetso.

  • Go fitlha mo selekanyong se se rileng, re kgona go itlhophela tsela e re batlang isagwe ya rona e nna ka yone. Baebele e re kgothaletsa go ‘tlhopha botshelo ka go reetsa lentswe la [Modimo]’ mo go kayang go tlhopha go ikobela ditaelo tsa gagwe. (Duteronome 30:19, 20) Se Modimo a neng a se bua se ne se ka se utlwale e bile e le bosetlhogo fa e le gore re ne re se na kgololesego ya go itirela ditshwetso. Modimo ga a re pateletse go dira se a se buang, go na le moo o ikuela jaana mo go rona ka lorato: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka.”—Isaia 48:18.

  • Katlego ya rona kgotsa go palelwa ga go a laolelwa gale. Fa re batla go atlega mo go sengwe, re tshwanetse go dira ka natla. Baebele ya re: “Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago.” (Moreri 9:10) Gape ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.”—Diane 21:5.

Kgololesego ya go itirela ditshwetso ke mpho e e tswang kwa Modimong ka gonne e dira gore re mo rate ka “pelo yotlhe”—re sa patelediwe.—Mathaio 22:37.

A Modimo ga a laole dilo tsotlhe?

Baebele e ruta gore Modimo ke Mothatayotlhe le gore maatla a gagwe a ka se lekanngwe le a motho ope fela. (Jobe 37:23; Isaia 40:26) Le fa go ntse jalo, ga a dirise maatla a gagwe go laola sengwe le sengwe. Ka sekai, Baebele ya re Modimo o ne a “ikgapa” fa a ne a dirisana le Babelona ya bogologolo, baba ba batho ba gagwe. (Isaia 42:14) Le gompieno o dira se se tshwanang ka go itshokela batho ba ba dirisang kgololesego ya bone go utlwisa ba bangwe botlhoko. Mme Modimo ka se ba itshokele ka bosakhutleng.—Pesalema 37:10, 11.