Fetela kwa tshedimosetsong

Lefatshe le Tla Fela Leng?

Lefatshe le Tla Fela Leng?

Karabo ya Baebele

Fa re batla go itse gore lefatshe le tla fela leng, re tlhoka go tlhaloganya kafa Baebele e dirisang lefoko “lefatshe” ka teng. Lefoko la Segerika ko′smos, le gantsi le ranolwang e le “lefatshe,” le kaya batho, segolobogolo ba ba sa batleng go utlwa sepe ka Modimo le ka thato ya gagwe. (Johane 15:18, 19; 2 Petere 2:5) Ka dinako tse dingwe ko′smos e bua ka batho le dilo tse di mo lefatsheng.—1 Bakorintha 7:31; 1 Johane 2:15, 16. *

“Bokhutlo jwa lefatshe” ke eng?

Mafoko a a reng “bokhutlo jwa lefatshe” a a tlhagelelang mo Dibaebeleng tse dintsi, gape a ka ranolwa e le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” kgotsa “bokhutlo jwa metlha eno ya lefatshe.” (Mathaio 24:3; Tswana Central) Bokhutlo jono ga se go senngwa ga polanete ya rona kgotsa ga batho botlhe, go na le moo, ke ga batho ba ba sa ikobeleng Modimo.—1 Johane 2:17.

Baebele ya re “badirabosula ba tla nyelediwa” mme batho ba ba siameng ba tla itumelela go tshela mo lefatsheng. (Pesalema 37:9-11; Tswana Central) Seno se tla direga ka nako ya “sepitla se segolo” mme morago go latele ntwa ya Haramagedona.—Mathaio 24:21, 22; Baebele e e Boitshepo; Tshenolo 16:14, 16.

Lefatshe le tla fela leng?

Jesu o ne a re: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:36, 42) O ne a tlhalosa gore bokhutlo jwa lefatshe bo tla tla “ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone.”—Mathaio 24:44.

Le fa re sa itse letsatsi le ura, Jesu o ne a bua ka “sesupo” kgotsa ditiragalo tse di tla bontshang gore re gaufi le bokhutlo jwa lefatshe. (Mathaio 24:3, 7-14) Baebele e bua ka nako eo e re ke “motlha wa bokhutlo,” ‘sebaka sa bofelo’ le ‘malatsi a bofelo.’—Daniele 12:4; 2 Timotheo 3:1-5; Tswana Central.

A go tla sala sengwe fa lefatshe le sena go fela?

Ee. Polanete ya rona e tla bo e sa ntse e le gone ka gonne Baebele ya re lefatshe “ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Lefatshe le tla bo le tletse ka batho ka gonne Baebele ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Modimo o tla dira se a neng a batla go se dira kwa tshimologong:

^ ser. 1 Dibaebele tse dingwe di ranola lefoko la Segerika ai·on′ di re ke “lefatshe.” Fa lefoko ai·on′ le dirisiwa ka tsela eno le na le bokao jo bo tshwanang le jwa lefoko ko′smos ka gonne oomabedi a bua ka batho le dilo tse di mo lefatsheng.