Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Eng fa re Tshwanetse go Rapela ka Leina la ga Jesu?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Rapela ka Leina la ga Jesu?

Karabo ya Baebele

Re tshwanetse go rapela Modimo ka leina la ga Jesu ka gonne eno ke yone fela tsela e Modimo a e amogelang ya gore re bue le ene. Jesu o ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Gape Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, fa lo kopa sengwe mo go Rara o tla se lo naya ka leina la me.”—Johane 16:23.

Mabaka a mangwe a go rapela ka leina la ga Jesu

  • Re tlotla Jesu le Rraagwe e bong Jehofa Modimo.—Bafilipi 2:9-11.

  • Re bontsha gore re anaanela loso lwa ga Jesu e re ka e le thulaganyo ya Modimo ya go re boloka.—Mathaio 20:28; Ditiro 4:12.

  • Re lemoga seabe se se kgethegileng sa ga Jesu sa go nna Mmueledi fa gare ga Modimo le batho.—Bahebera 7:25.

  • Re tlotla tirelo ya ga Jesu e le Moperesiti yo Mogolo yo o ka re thusang gore re nne le kamano e e molemo le Modimo.—Bahebera 4:14-16.