Fetela kwa tshedimosetsong

Bogosi Jwa Modimo bo Tla Fitlhelela Eng?

Bogosi Jwa Modimo bo Tla Fitlhelela Eng?

Karabo ya Baebele

Bogosi jwa Modimo bo tla emisetsa dipuso tsotlhe tsa batho bo bo bo busa lefatshe lotlhe. (Daniele 2:44; Tshenolo 16:14) Fa seo se sena go direga, Bogosi jwa Modimo bo tla . . .

  • Fedisa baikepi, ba bogagapa jwa bone bo re amang botlhoko rotlhe. “Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng.”—Diane 2:22.

  • Fedisa ntwa. “[Modimo] o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.”—Pesalema 46:9.

  • Tlisa katlego le tshireletsego mo lefatsheng. “Botlhe ba tla nna ka kagiso mo masimong a bone a mofine le mo ditlhareng tsa bone tsa mofeige mme ga go na ope yo o tla ba boifisang.”—Mika 4:4, Good News Translation.

  • Dira lefatshe paradaise. “Ditlhaketlhake tse di omileng di tla itumela, naga e e omeletseng e tla ipela e bo e ntsha dithunya.”—Isaia 35:1, Contemporary English Version.

  • Naya mongwe le mongwe tiro e e nang le bokao, e e itumedisang. “Batho ba me [ba Modimo] ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo. Ga ba kitla ba direla ka natla lefela.”—Isaia 65:21-23.

  • Fedisa bolwetse. “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

  • Re golola mo botsofeng. “A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha; a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.”—Jobe 33:25.

  • Tsosa baswi. “Botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla [utlwa] lentswe la [Jesu] mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.