Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 7

Ke Eng se Baebele e se Boleletseng Pele ka Motlha wa Rona?

“Setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe . . . Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya dinako tsa mathata.”

Mathaio 24:7, 8

“Go tla nna le baporofeti ba maaka ba le bantsi mme ba tla timetsa batho ba le bantsi; e re ka bosula bo tla bo bo oketsegile, lorato lwa batho ba le bantsi lo tla fela.”

Mathaio 24:11, 12

“Fa lo utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa, lo se ka lwa tshoga; dilo tseno di tshwanetse go diragala, mme e tla bo e ise e nne bokhutlo.”

Mareko 13:7

“Go tla nna le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, e bile go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le malwetse a leroborobo mo mafelong ka go latelana. Batho ba tla bona dilo tse di tshosang le ditshupo tse dikgolo tse di tswang kwa legodimong.”

Luke 21:11

“Mo malatsing a bofelo, go tla nna le dinako tse di thata e bile di le kotsi. Gonne batho ba tla ikakanyetsa ba le bosi, ba rata madi, ba ikgantsha, ba le mabela, ba tlhapatsa, ba sa utlwe batsadi, ba sa leboge, ba sa ikanyege, ba sa rate ba bangwe, ba sa batle go dumalana le ba bangwe ka sepe, ba senya batho maina, ba sa ithibe mo go sepe, ba le bogale jo bo tshabegang, ba sa rate se se molemo, ba tsietsa ba bangwe, ba le tlhogoethata, ba ikgogomosa, ba rata menate go na le go rata Modimo, ba itira e kete ba boifa Modimo mme tsela e ba tshelang ka yone e sa bontshe seo.”

2 Timotheo 3:1-5