Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithaba tsa Svaneti

GEORGIA

Tlhaloso e Khutshwane ka Georgia

Tlhaloso e Khutshwane ka Georgia

Batho ba itumelela nako ya go kgetlha morara

Naga Georgia e itsege ka dithaba tse dikgolo tse di nang le kapoko mme dingwe tsa tsone di bogolo jwa dimetara di feta 4 500. Naga eno e kgaogantswe ka dikarolo tse pedi, karolo e e kwa botlhaba le e e kwa bophirima. Karolo nngwe le nngwe e na le dikgaolo di le mmalwa tse di sa tshwaneng ka tlelaemete, dingwao, mmino, motantsho le dijo.

Batho Go na le baagi ba ka nna dimilione di le 3,7 mme bontsi jwa bone ba tsholetswe kwa Georgia.

Bodumedi Bontsi jwa baagi ba naga eno ba tsena kereke ya Orthodox. Go na le Bamoseleme ba se kae.

Puo Se-Georgia ga se tshwane le dipuo tse dingwe tse di buiwang kwa dinageng tse di gaufi le Georgia. Metswedi mengwe ya hisitori e bontsha gore mokwalo wa Se-Georgia o tlhamilwe bogologolo tala.

Tsela ya go Itshedisa Batho ba le bantsi ba itshedisa ka temothuo. Bosheng jaana, ikonomi ya naga e ile ya gola ka ntlha ya bajanala ba le bantsi.

Tlelaemete Karolo e e kwa botlhaba jwa naga eno e na le tlelaemete e e mololo. Karolo e e kwa bophirima, e e gaufi le lotshitshi lwa Lewatle le Lentsho e na le tlelaemete e e mogote e bile e le bongola mme e dira gore maungo a gole.

Ba kgetlha morara kwa kgaolong ya Kakheti

Dijo Ba-Georgia ba rata borotho. Ba bo apeela mo pesetsong kgotsa mo ontong e e dirilweng ka letsopa. Sejo se ba se ratang thata ke setšhuu. Beine ke seno se se sa bolong go dirwa mo Georgia. Ka setso sa Se-Georgia, beine e a bedisiwa e bo e bewa mo dinkgong tse dikgolo. Malapa a le mantsi a lemile ditlhare tsa morara e bile a itirela beine ka morara oo. Go gola ditlhare di ka nna 500 tse di farologaneng tsa morara kwa Georgia.

Mosadi a dira borotho