Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Temana ya Ngwaga ya 2016

“A lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.” Bahebera 13:1

Temana ya Ngwaga ya 2016

“Ba le bantsi ba tla . . . tlhoana. . . . Lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (Math. 24:10, 12) Ka mafoko ano, Jesu o ne a bolelela pele gore batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela pele ga motlha wa go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E., ba ne ba tla tlhoka lorato. Go farologana le seo, barutwa ba ga Keresete ba ne ba tla tlhaolwa ke lorato lo ba lo bontshang. (Joh. 13:35) Go tshwanetse ga bo go ile ga kgothatsa Bakeresete ba Bahebera ba kwa Jerusalema go bala mafoko a Paulo a neng a a bua ka lorato lwa bone lwa bokaulengwe le go ba kgothaletsa go tswelela ba lo bontsha!

Gompieno re atamela bokhutlo jwa tsamaiso yotlhe ya ga Satane ya dilo. Fela jaaka bakaulengwe ba rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re tshela le batho ba ba ratang madi, menate le ba ba ithatang mme ba rata Modimo kgotsa baagelani ba bone go le gonnye. (2 Tim. 3:1-4) Le fa go ntse jalo, lorato lwa bokaulengwe lwa Basupi ba ga Jehofa lo bonala mo lefatsheng lotlhe. E kete re ka baka Jehofa, motswedi wa lorato, ka go dira gore lorato lwa rona lwa bokaulengwe lo tswelele.