Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 15

Bagolwane ba Thusa Phuthego Jang?

Bagolwane ba Thusa Phuthego Jang?

Finland

Go ruta

Go dira maeto a bodisa

Go neela bosupi

Mo phuthegong ya rona ga re na baruti ba ba duelwang. Go na le moo, fela jaaka go ne go dirwa fa phuthego ya Bokeresete e ne e simologa, go tlhomiwa balebedi ba ba tshwanelegang ‘gore ba dise phuthego ya Modimo.’ (Ditiro 20:28) Bagolwane bano ke banna ba ba godileng semoyeng ba ba etelelang pele le go disa phuthego, ‘e seng ka go patelelwa, mme e le ka go rata; e bile e se ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e le ka tlhagafalo.’ (1 Petere 5:1-3) Ke ditiro dife tse ba re direlang tsone?

Ba amega ka rona le go re sireletsa. Bagolwane ba kaela le go sireletsa phuthego semoyeng. E re ka bagolwane ba itse gore maikarabelo ano a a botlhokwa ba a neilwe ke Modimo, ga ba rene mo bathong, go na le moo, ba dira gore re nne re nonofile semoyeng re bo re itumele. (2 Bakorintha 1:24) Fela jaaka modisa a tlhokomela nngwe le nngwe ya dinku tsa gagwe ka kelotlhoko, bagolwane le bone ba leka go itse leloko lengwe le lengwe la phuthego.—Diane 27:23.

Ba re ruta kafa re ka dirang thato ya Modimo ka gone. Beke le beke bagolwane ba tshwara dipokano tsa phuthego gore ba nonotshe tumelo ya rona. (Ditiro 15:32) Gape banna bano ba ba dirang ka natla ba etelela pele mo tirong ya go rera, ba dira le rona e bile ba re thapisa mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi.

Ba kgothatsa mongwe le mongwe wa rona. Gore bagolwane ba kgone go re thusa ka se re se tlhokang semoyeng, ba ka nna ba re etela kwa magaeng a rona kgotsa ba bua le rona kwa Holong ya Bogosi, gore ba re thuse le go re kgothatsa ka Dikwalo.—Jakobe 5:14, 15.

Kwantle ga tiro e ba e dirang mo phuthegong, bontsi jwa bagolwane ba na le tiro ya boitshediso le maikarabelo a lelapa a a ba tlhokang. Bakaulengwe bano ba ba dirang ka natla ba tshwanelwa ke gore re ba tlotle.—1 Bathesalonika 5:12, 13.

  • Bagolwane ba dira ditiro dife mo phuthegong?

  • Bagolwane ba bontsha ka ditsela dife gore ba kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona?