Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ngwaga wa 2006 “go bonala o tla gopolwa e le nngwe ya dingwaga tse thataro tse di kileng tsa nna bothito go gaisa mo lefatsheng.” Dingwaga tse di lesome tse di bothito go gaisa di nnile teng mo dingwageng tse 12 tse di fetileng.—WORLD METEOROLOGICAL ORGANIZATION.

Mokgatlho wa Pabalesego ya Setšhaba kwa Beijing o ntshitse molao wa gore lelapa lengwe le lengwe le nne le “ntša e le nngwe” e le go leka go thibela bolwetse jwa botsenwantša. Mo e ka nnang batho ba le 2 660 ba sule kwa China mo ngwageng wa 2004 ka ntlha ya bolwetse jwa botsenwantša.—XINHUA ONLINE, CHINA.

Baeti ba dihotele ba ba tshwarang ditshwaro tsa mabati, mabone, dithelefouno, le di-remote tsa thelebishene mo diphaposing tsa hotele ba ipaya mo “kotsing ya go tsenngwa ke baerase ya mofikela ka selekanyo sa diperesente tse 50.”—MACLEAN’S, CANADA.

Go Bala Ditshenekegi kwa Amazon

Baithutaditshenekegi—baitse diphologolo ba ba berekang ka ditshenekegi—gone jaanong ba lemogile mefuta ya ditshenekegi e e lekanyediwang go 60 000 mo sekgweng sa pula sa Amazon. Go ya ka lokwalodikgang lwa Folha Online, palo ya mefuta ya ditshenekegi e e sa ntseng e tla bonwa e lekanyediwa go 180 000. Gone jaanong go na le baithutaditshenekegi ba ka nna 20 ba ba berekang mo kgaolong eo ya Amazon. Bosheng jaana dipalopalo di bontsha gore bomankge bano ba kgona go lemoga le go tlhalosa mefuta e ka nna 2,7 ya ditshenekegi ngwaga le ngwaga. Ka mokgwa ono go tla tsaya dikokomana di le 90 tsa baithutaditshenekegi ba mongwe le mongwe wa bone a berekang dingwaga di le 35, kgotsa palogotlhe ya dingwaga tse di ka nnang 3 300 go wetsa letsholo leno la go tlhalosa ditshenekegi!

Tlhokego ya Motlakase

Makasine wa Our Planet, o o gatisitsweng ke United Nations Environment Programme (Lephata la Tsa Tikologo la Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng) wa re: “Go lekanyediwa gore batho ba le dibilione tse 1,6—e leng kwatara ya batho botlhe mo lefatsheng—ga ba na motlakase, fa dibilione tse 2,4 tsone di dirisa magala, dibi kgotsa dikgong go apaya le go ithutafatsa.” “Mosi o o tswang mo ditukising tseno tse di tlwaelegileng o bolaya mo e ka nnang dimilione tse pedi le halofo tsa basadi le bana ngwaga le ngwaga.”

Botsalano Jwa mo Internet Bo ka Go Utlwisa Botlhoko

Mafelo a Internet a dira gore batho ba simolole botsalano le batho ba le mmalwa ba ba sa ba itseng mme gape seo se dira gore ba ikutlwe ba ratiwa thata. Folha Online e bolela gore mafelo ano a Internet gape ke “bokopanelo jwa baaki,” batho ba ba nang le bomorafe, ba ba itshunyang nko mo dikgannyeng tsa ba bangwe, le ba ba tlhaolang ba bangwe ka lotso. Batho bangwe ba ba dirisang mafelo ano a Internet ba neelana ka tshedimosetso e e seng boammaaruri ka se ba leng sone. Ba bangwe ba kgerisa batho ba bakima thata, ba ba khutshwane, ba ba nang le meriri o o dikgobe, jalo le jalo, ba ba utlwisa botlhoko thata. Go ya ka moithutatlhaloganyo wa kwa Brazil Ivelise Fortim, seno se diragala ka gonne “se se diragalang mo Internet se tsewa se le botlhokwa thata ke batho ba ba sotliwang bano go na le se se diragalang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.”

Calculator ya Bogologolo ya go Bala Dinaledi

Ka 1901, bathumi ba ba batlanang le di-sponge mo metsing ba ne ba boloka sedirisiwa sengwe sa bogologolo go tswa mo matlhekgeng a sekepe sa bogologolo sa Baroma go tswa mo setlhaketlhakeng sa Gerika sa Antikýthēra. Sedirisiwa seno jaanong se tlhalositswe e le selo se se raraaneng ka tsela e e gakgamatsang, sa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. e ne e le calculator ya go bala dinaledi. Baitsesaense ba bosheng jaana ba neng ba sekaseka “Motšhini ono wa Antikythera” ba dirisa motšhini o o bontshang bokafagare jwa selo o o dirisang marang a a bogale a ekeserei ba ne ba bona gore o na le maotwana a boronse a le 30, o kwa tshimologong o neng o le mo lekaseng la logong. Sedirisiwa seno se ne se kgona go bona sentle motsamao wa letsatsi le ngwedi le go ka bonela pele phifalo ya ngwedi le ya letsatsi. Go ya ka makasine wa Nature motšhini ono “o raraane thata jaana go feta selo sepe se sengwe se se nnileng teng dingwaga di le sekete morago ga foo.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

AP Photo/Thanassis Stavrakis