Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlalo la Shaka

Letlalo la Shaka

A le Ne le Tlhamilwe?

Letlalo la Shaka

● Fa o le lebile, letlalo la shaka le lebega le le borethe. Mme fa o le tshwara—legale o dira jalo ka kelotlhoko—o tla lemoga gore totatota letlalo la shaka le utlwala jaaka pampiri e e gotlhang fa o le tshwara go tswa mo mogatleng go ya kwa tlhogong. *

Ela tlhoko: Makape a mannye a a nang le diphatla a a dirang gore letlalo le nne ka tsela eno a thusa shaka ka ditsela tse pedi. Sa ntlha, a laola metsi, go dira gore shaka e thume motlhofo. Sa bobedi, makape ano a a obega fa shaka e ntse e thuma mme seno se dira gore letlalo la yone le se ka la nna borethe gore dipharasaete di se ka tsa gola mo go lone.

Tsela e letlalo la shaka le dirang ka yone e ka dirisiwa ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, baitsesaense ba setse ba dirile diaparo tsa go thuma, tse kafa ntle di utlwalang jaaka letlalo la shaka, tse di dirang gore motho yo o di apereng a oketse lobelo ka diperesente tse di ka nnang tharo fa a thuma. Ba dumela gore go ka dirisiwa melao e e tshwanang go dira dikoloi le mekoro e e lobelo thata.

Babatlisisi le bone ba solofela go dirisa melemo ya bophepa e e fitlhelwang mo letlalong la shaka go dira dipente tse di botoka, tse di seng kotsi mo tikologong tse mekoro e ka pentiwang ka tsone. Ditsela tse dingwe tse le ka dirisiwang ka tsone di akaretsa melemo le didirisiwa tsa kalafi tse di tla fokotsang kotsi ya go tsenwa ke megare kwa kokelong.

O akanya eng? A letlalo la shaka—le le dirang gore e thume ka bofefo le gore e se ka ya tsenwa ke megare—le nnile gone fela ka kotsi? Kgotsa a le ne le tlhamilwe?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Letlalo la shaka ga le utlwale le le magwata fa o le tshwara go tswa kwa tlhogong go ya kwa mogatleng.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Setshwantsho sa makape a letlalo la shaka a a godisitsweng

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Scales: © Eye of Science/Photo Researchers, Inc.; shark: © Image Source/age fotostock