Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Surunamune e e Dirang Dilo di le Dintsi

Surunamune e e Dirang Dilo di le Dintsi

AKANYA ka sengwe se o ka se dirisang go nna molemo, sephepafatsi, sebolayamegare le setlolo sa go intlafatsa. O ka se ja, wa nwa matute a sone e bile o ka monya mafura a a tlhokegang mo go sone. Se a kgatlhisa fa o se lebile mme se teng mo lefatsheng lotlhe e bile se tlhwatlhwa tlase. O ka tswa o na le sone gone jaanong mo phaposing ya gago ya boapeelo. Ke eng seo? Surunamune!

Go akanngwa gore disurunamune di tlholega kwa Southeast Asia. Go tswa koo, di ne tsa isiwa ka bonya ka bonya kwa ntlheng ya bophirima, gaufi le Mediterranean. Ditlhare tsa surunamune di gola sentle mo tlelaemeteng e e seng tsididi thata e bile gape e se mogote thata, ke ka moo di golang sentle mo mafelong a a tshwanang le Argentina, Italy, Mexico, Spain le mo dikarolong dingwe tsa Afrika le Asia. Setlhare se se godileng sentle, go ikaegile ka gore ke sa mofuta ofe le gore se golela kae, se ka tlhagisa disurunamune di le 200 go ya go di le 1 500 mo ngwageng. Mefuta e e lemiwang ya ditlhare tseno e thunya ka dipaka tse di farologaneng, mo go dirang gore go kgonege go roba disurunamune ngwaga otlhe.

Disurunamune Kwa Italy

Gore a Baroma ba bogologolo ba ne ba lema disurunamune ke kgang ya moruthutha. Go na le bosupi jo bo kwadilweng jo bo bontshang gore Baroma ba ne ba itse leungo la citron, e leng mofuta mongwe wa namune, o o tshwanang thata le surunamune e kgolo. Rahisitori wa Moroma e bong Pliny yo Mogolwane o umaka setlhare sa citron le maungo a sone mo bukeng ya gagwe ya Natural History. Le fa go ntse jalo, baitse ba ba di gogang kwa pele ba dumela gore Baroma le bone ba ne ba itse disurunamune. Ka ntlha yang? Ka gonne go lebega ditshwantsho tse dintsi tse di neng di takilwe mo maboteng le tse di neng di takilwe mo matlapaneng a a kgabisang e ne e le tsa maungo ano mme e seng di-citron. Sekai sengwe sa seno se tswa mo ntlong e kgolo e e neng ya epololwa kwa Pompeii e go neng go tshwanela gore e bidiwe Ntlo ya Tshimo ya Maungo, ka gonne e ne e kgabisitswe ka ditshwantsho tse di takilweng mo maboteng tse di bontshang ditlhare tse di farologaneng, go akaretsa le setlhare sa surunamune. Gone ke boammaaruri gore ka nako eo go ne go lebega se tsewa e le setlhare se se tswang kwa dinageng di sele mme se ka tswa se ne se dirisiwa fela go nna sejalo se se alafang. Go thata go tlhalosa gore go ne go le motlhofo go le kana kang go lema disurunamune le gore di ne di aname go le kana kang.

Setlhaketlhake sa Sicily, kwa paka ya selemo e leng telele e bile e le bothito gone mme mariga a se tsididi thata, ke sone se se di gogang kwa pele mo go tlhagiseng maungo a losika lwa dinamune go akaretsa disurunamune. Mme go na le mafelo a mangwe, segolobogolo a a bapileng le lotshitshi kwa disurunamune tsa boleng jo bo kwa godimo di lemiwang teng.

 Toropo e ntle ya Sorrento e fela ka fa borwa jwa Naples mme ka fa borwa jwa yone ke lotshitshi lwa Amalfi—lefelo le lentle le le bogolo jwa dikilometara di feta 40 mo lotshitshing lwa lewatle. Mo kgogometsong ya lotshitshi go na le metse e mentlentle ya Amalfi, Positano le Vietri sul Mare, fa re umaka e le mmalwa fela. Disurunamune tse di tlhagisiwang kwa Sorrento le kwa lotshitshing lwa Amalfi di na le setifikeiti sa Protection Authority, e leng setifikeiti se se tlhomamisang gore di jadilwe koo. Go a tshwanela go bo batho ba mafelo ano ba sireletsa ditlhare tsa bone tsa surunamune, e re ka ditlhare tseno di jadilwe ka botlhale di tlhomagantswe mo mohapheng wa thaba, mo di kgonang go monya letsatsi gone le go tlhagisa disurunamune tse di nang le monko o o monate e bile di le matute.

Ga o tlhoke lefelo le legolo go lema setlhare sa surunamune. Tota le mathudi a a tlhabelwang ke letsatsi a siame, e re ka ditlhare tse di sa goleleng kwa godimo tsa disurunamune di kgona go gola mo dipitsaneng tsa malomo e bile di le dintle go ka kgabisa ka tsone. Di rata mafelo a mo go one go nang le letsatsi e bile go se na phefo mo di ka kgonang go monya mogote, fa go kgonega mo thoko ga lebota. Le fa go ntse jalo, fa themperetšhara e ya kwa tlase thata ka mariga di tlhoka go khurumediwa kgotsa go tsenngwa mo ntlong.

Ga di Dirisediwe go Jewa Fela

O dirisa disurunamune go le kana kang? Bangwe ba tsenya phatsa ya yone mo koping ya tee; ba bangwe ba dirisa matlape kgotsa marothodi a le mmalwa a matute a yone fa ba baka dikuku. Gongwe o ka di tamusa go ntsha matute a tsone fa o dira seno se se bidiwang lemonade. Ka metlha baapei go ralala lefatshe ba dirisa disurunamune fa ba apaya. Mme a o kile wa dirisa matute a surunamune go nna sebolayamegare kgotsa go go thusa go tlosa patso?

Tota e bile, batho bangwe ba phepafatsa le go bolaya megare mo mamating a go segela ka go a tshasa phatsa ya surunamune. Go na le go dirisa sesweufatsi (bleach) go ntsha dipatso kgotsa go phepafatsa sinki, bangwe ba dirisa motswako wa matute a surunamune le baking soda. Mme go bolelwa gore go tsenya phatsa ya surunamune mo setsidifatsing kgotsa mo motšhining wa go tlhwatswa dijana go tlosa monko o o seng monate e bile go dira gore didirisiwa tseno di nne di nkga monate.

Disurunamune di na le citric acid, e e leng selo sa tlholego se se thusang gore dilo di se ka tsa bola le go dira gore dijo kgotsa dino di nne le moutlwalo o o botlha. Letlape la surunamune le bosweu jo bo kafa teng ga lone di na le pectin, e e dirisiwang kwa madirelong a dijo go nna selo se se loisang, se se kopanyang diedi tse di farologaneng le go dira dilo tse di tshwanang le jelly. Mo godimo ga moo, go na le mafura a a monyiwang go tswa mo letlapeng la yone a a dirisiwang mo dijong, mo melemong le mo madirelong a a dirang dilo tsa go intlafatsa. Disurunamune di dirisediwa go dira dilo di le dintsi thata. Eleruri surunamune e na le mmala o montle, e monate e bile ke leungo le le dirisediwang dilo tse di farologaneng.