Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Kgogometso ya Mexico

Morago ga kotsi e e neng ya diragala ka April 2010 kwa lefelong la madirelo a go gopa oli, go ne ga tshelegela selekanyo se segolo sa oli le gase mo lewatleng ka dikgwedi di ka nna tharo. Morago ga gore setlhopha sengwe sa babatlisisi se dire patlisiso, se ne sa fitlhela gore dikgwedi di le pedi le halofo morago ga tiragalo eo, dingwe tsa dikhemikale tse di kgotlelang di ne di nyeletse, mme ba akanya gore di jelwe ke dibakateria tse di ratang gase ya methane. Le fa go ntse jalo, baitse bangwe ba belaela kgang eno. Ba dumela gore bontsi jwa oli bo nweleletse go fitlha kwa boalong jwa lewatle.

Russia

Lokwalodikgang lwa Rossiiskaya Gazeta lo bega gore go ya ka patlisiso nngwe, diperesente di le 59 tsa banni ba kwa Russia ba dingwaga di le 18 go ya go di le 35 ba dumela gore “ka dinako dingwe motho o tshwanetse go tlogela melao le melaometheo ya boitsholo e a tshelang ka yone gore a atlege mo botshelong.”

Peru

Dingwe tsa ditlhotlha tsa mmidi tse dikgologolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa bonwa (jaaka se se bontshitsweng fano) di bontsha gore batho ba ba neng ba nna kwa bokone jwa Peru ba ne ba dira di-popcorn le bupi mo e ka nnang bobotlana dingwaga di le 3 000 tse di fetileng.

Italy

Mobishopo wa Katoliki wa kwa Adria-Rovigo e bong Lucio Soravito De Franceschi o dumela gore molaetsa wa bodumedi o tshwanetse “go isiwa ka tlhamalalo kwa bathong” kwa ba nnang gone. A re: “Maikarabelo a rona re le baruti e tshwanetse go nna re ya kwa matlong a batho go na le go ba biletsa mo dikerekeng.”

Afrika Borwa

Tlhwatlhwa ya dinaka tsa ditshukudu tse di rekisiwang e se kafa molaong go dira ditlhare tsa kalafi e tlhatlogetse go mo e ka nnang R540 000 kilogerama e le nngwe. Ka 2011 mo Afrika Borwa fela, go ile ga begwa palo ya ditshukudu di le 448 tse di bolailweng ke batsomi ba ba seng ka fa molaong. Digongwana tsa batho ba ba batlang dinaka di ne tsa thuba dimusiamo le mafelo a difantisi kwa Yuropa. Go akanngwa gore tota le ditshukudu tse di kwa dizuung tsa kwa Yuropa di mo kotsing.