Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Fa Morwadio wa Mosha a Gateletswe mo Maikutlong

Fa Morwadio wa Mosha a Gateletswe mo Maikutlong

KGWETLHO

Morwadio a re o gateletswe mo maikutlong. Wena o ipotsa jaana o sa dumele se o se utlwang, ‘A na le dingwaga di le 13? O monnye thata gore a ka itse le gore stress ke eng!’ Le fa go ntse jalo, pele o bolelela morwadio seo, akanya ka mabaka mangwe a a ka dirang gore morwadio wa mosha a ikutlwe a fekeediwa ke botshelo.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Diphetogo mo mmeleng. Diphetogo tse di tlang ka bonako ka nako ya bosha di ka bakela mosetsana ditlhobaelo tse dintsi, segolobogolo fa e le gore o saletse kwa morago—kgotsa o fetile—balekane ba gagwe. Anna, * yo jaanong a nang le dingwaga di le 20 a re: “Ke ne ke le mongwe wa basetsana ba ntlha go tshwanelwa ke go apara bra, mme ke ne ke ikutlwa ke sa gololesega le e seng. Fa ke ipapisa le dithaka tsa me, ke ne ke ikutlwa e kete ke segole!”

Diphetogo mo maikutlong. Karen yo jaanong a nang le dingwaga di le 17 a re: “Go ne go betisa pelo ke sa itse gore ke ka ntlha yang fa ke itumela motshegare mme e bo e re moragonyana, fa go le bosigo, ke bo ke lela thata jaana. Ke ne ke sa itse gore go diragalang ka nna. Go ne go ntse jaaka e kete ga ke kgone go laola maikutlo a me.”

Tshimologo ya modikologo wa go bona kgwedi. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Kathleen a re: “Le fa gone Mmè a ne a buile le nna ka gone go sa le gale, go bona kgwedi go ne ga tla ke sa lebelela. Ke ne ke tlhapa gantsi mo letsatsing ka gonne ke ne ke ikutlwa ke le leswe ka dinako tsotlhe. Mo godimo ga moo, bokgaitsadiake ba bararo ba ne ba tle ba dire motlae ka nna ba sa nkutlwele botlhoko. Ba ne ba akanya gore go bona kgwedi ga me ke sengwe se se tshegisang.”

Kgatelelo ya ditsala. Marie yo jaanong a nang le dingwaga di le 18 a re: “Fa ke ne ke na le dingwaga tse di fa gare ga 12 le 14, kgatelelo ya dithaka e ne e le maatla thata. Bana ba kwa sekolong sa rona ba ne ba tshwara ngwana ope fela yo o sa tshwaneng le bone makgwakgwa.” Anita wa dingwaga tse 14 a re: “Fa o le mo dingwageng tsa me, go amogelwa ke setlhopha sa ditsala go botlhokwa mme go sa amogelwe go botlhoko.”

 SE O KA SE DIRANG

Kgothaletsa morwadio gore a bue ka kgatelelo ya gagwe ya maikutlo. Kwa tshimologong a ka nna a okaoka go bua. Mme nna pelotelele o dirise kgakololo ya Baebele ya go “nna bonako go utlwa, bonya go bua.”—Jakobe 1:19.

Tsaya go gatelelwa maikutlo ga morwadio masisi. Gakologelwa gore ga a ise a nne le maitemogelo mo botshelong mme ka jalo a ka fekeediwa ke dilo tse di mo gatelelang mo maikutlong—e bile ga a ise a itse go lepalepana le tsone.—Molaomotheo wa Baebele: Baroma 15:1.

O se ka wa imetsa morwadio ka ditiro tse dintsintsi tsa morago ga sekolo. Go ya ka buka ya Teach Your Children Well, basha ba ba nang le dilo tse dintsi tse ba tshwanetseng go di dira “gantsi ba na le matshwao a a bontshang gore ba gateletswe mo maikutlong, segolobogolo matshwao a mo mmeleng a a jaaka go opiwa ke tlhogo le go segwa ke mala.”—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 1:9, 10.

Tlhomamisa gore morwadio o ikhutsa mo go lekaneng. Gantsi selo sa ntlha se basha ba se itlhokomolosang ke go robala mo go lekaneng. Mme fa morwadio a dira jalo, a ka se kgone go akanya sentle e bile a ka se kgone go lepalepana le kgatelelo ya maikutlo.—Molaomotheo wa Baebele: Moreri 4:6.

Thusa ngwana wa gago go bona ditsela tse di siameng tsa go fokotsa kgatelelo ya maikutlo. Mo basetsaneng bangwe go itshidila mmele go thusa go fokotsa tlhobaelo. Baebele ya re: “Go thapisa mmele go tswela mosola.” (1 Timotheo 4:8) Basetsana ba bangwe ba fitlhela gore go nna le tayari e ba kwalang mo go yone go ba thusa gore ba se ka ba nna le kgatelelo ya maikutlo. Brittany wa dingwaga di le 22 a re: “Fa ke ne ke sa le monnye, ke ne ke kwala mathata a ke neng ke sa kgone go a rarabolola. Seo se ne se nthusa gore ke tlhaloganye kafa tota ke ikutlwang ka teng ka bothata joo, mme go ne go nna motlhofo gore ke bo rarabolole kgotsa ke lebale ka jone.”

Tlhoma sekao. Wena o lebana jang le kgatelelo ya maikutlo? A o rulaganya go dira dilo tse dintsi tse o ka se kgoneng go di dira mme o bo o tlalelwa fa o leka go di dira? A o itapisa thata ka go bereka mo go feteletseng, o sa iphe nako ya go dira dilo tse di botlhokwa go gaisa mo botshelong? Bafilipi 4:5 ya re: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe.” Gakologelwa gore mosha wa gago o lebile sekao sa gago e bile o ithuta mo go sone—e ka tswa e le se se siameng kgotsa se se sa siamang.

^ ser. 6 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.