Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Spain e Leleka Ba-Morisco

Spain e Leleka Ba-Morisco

Ga twe mo e ka nnang sengwe le sengwe se Ba-Spain ba se dirileng mo kgannyeng eno e e utlwisang botlhoko se ne se tlhotlhelediwa ke kereke. Go botlhokwa go bala kgang eno.

PUSO ya kwa Spain e ne e batla Naga ya Bokeresete e e nang le molao o le mongwe fela. Ba-Morisco ba ne ba tsewa e le baheitane mme ka ntlha ya seo go nna gone ga bone e ne e le boleo jo bogolo mo pele ga Modimo. Morago ga dingwaga di le dintsi, go ne ga dirwa tshwetso. Tharabololo e ne ya nna eng? Ba tshwanetse go lelekwa! *

BA PATELEDIWA GO SOKOLOGA

Ka makgolokgolo a dingwaga, Ba-Moor ba ba kwa Spain—setlhopha se sennye sa Bamoseleme se se bidiwang Ba-Mudéjar—ba ne ba tshela ka kagiso mo mafelong a a neng a laolwa ke Bakatoliki. Ka lobakanyana, mo mafelong mangwe ba ne ba letlelelwa semolao go tswelela ba dirisa melao le dingwao tsa bone le go dira dilo tse bodumedi jwa bone bo tlhokang gore ba di dire.

Mme ka 1492, kgosi Ferdinand II le kgosigadi Isabella ba e neng e le Bakatoliki ba ne ba gapa Granada, karolo ya bofelo ya Iberia e e neng e sa ntse e laolwa ke Bamoseleme. Ba-Moor ba ne ba solofediwa gore fa ba ka ineela ba tla nna le ditshwanelo tsa baagi tse di tshwanang le tsa Ba-Mudéjar. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, baeteledipele ba Bakatoliki ba ne ba oketsa pogiso le kgatelelo ya bone mo setlhopheng se sennye sa Bamoseleme ba ba neng ba le kafa tlase ga taolo ya bone gore ba sokologe. Ba-Moor ba ne ba bontsha gore ba  kgatlhanong le seo ka gonne se ne se senya tumalano e e kileng ya dirwa mme ka 1499 ba ne ba tsuologa. Masole a puso a ne a fedisa dikhuduego mme morago ga foo Bamoseleme mo mafelong a a farologaneng ba ne ba patelediwa gore ba sokologe kgotsa ba fuduge. Ba-Spain ba ne ba bitsa batho ba ba sokologileng ba ba setseng kwa Spain ba re ke Ba-Morisco.

“GA SE BAKERESETE BA BA MOLEMO E BILE GA SE BABUSIWA BA BA MOLEMO”

Ka 1526, Boiselamo bo ne jwa thibelwa go ralala Spain mme fa Ba-Morisco ba le bantsi ba le mo sephiring ba ne ba tswelela ba dira dilo tse di batlegang mo bodumeding jwa bone. Bontsi jwa bone bo ne jwa tswelela ka setso sa bone.

Kwa tshimologong, go ne go sa dirwe sepe le fa Ba-Morisco ba ne ba itira e kete ke Bakatoliki. Gone mme, ba ne ba dira ditiro tse di botlhokwa e le batho ba ba itseng tiro ya diatla, badiri ba tiro e e boima e bile ba duela lekgetho. Le fa go ntse jalo, kgang ya go bo Ba-Morisco ba ne ba sa batle go nna karolo ya setšhaba e ne e dira gore ba se ka ba ratiwa mme ba ne ba tlhaolwa ke puso le batho fela. Letlhoo leo le ile la tlhotlhelediwa ke dipelaelo tse dintsi tse kereke e neng e na le tsone malebana le gore a tota ba sokologile.

Go ise go ye kae, Spain e ne e sa tlhole e kgona go itshokela seo mme ya simolola go ba pateletsa go dira dilo. Ka 1567, tshwetso ya ga Kgosi Philip II ya go iletsa puo, moaparo, dingwao le setso sa Ba-Morisco e ne ya itsisiwe phatlalatsa. Seno se ne sa boa sa baka botsuolodi le tshololo ya madi.

Go fopholediwa gore mo e ka nnang Ba-Morisco ba le 300 000 ba ne ba patelediwa go tshaba kwa Spain ka ntlha ya go bogisiwa

Go ya ka baitsehisitori, babusi ba kwa Spain, ba ne ba dumela gore “Ba-Morisco ga se Bakeresete ba ba molemo e bile ga se babusiwa ba ba molemo.” Ka ntlha ya seo, ba ne ba latofadiwa ka gore ba loga maano le baba ba Spain—Magodu a lewatle a Ba-Berber, Bafora, Baporotesetanta le Ba-Turkey—go dira gore naga ya bone e tlhaselwe ke batswakwa. Letlhoo le go boifa gore kgabagare Ba-Morisco ba tla tsietsa puso le ne la dira gore Philip III a dire tshwetso ya go ba leleka ka 1609. * Mo dingwageng tse di latelang, batho ba go neng go belaelwa gore ke Ba-Morisco ba ne ba bogisiwa. Ka go dirisa ditsela tseo tse di setlhogo, Spain e ile ya nna naga ya Katoliki.

^ ser. 4 Ka Se-Spain Lefoko Moriscos le kaya “Ba-Moor ba Bannye.” Baitsehisitori ba dirisa lefoko leo ka tsela e e sa sotleng go kaya Bamoselema ba ba sokologetseng mo Bokatoliking mme ba ya go nna kwa Setlhaketlhakeng sa Iberia morago ga go phutlhama ga puso ya bofelo ya Bomoseleme ka 1492.

^ ser. 12 Gape baitsehisitori ba akanya gore mongwe wa babusi ba Spain o ne a solegelwa molemo thata ke go gapa thuo ya Ba-Morisco.