Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Ditsela Tsa go Itumelela Botshelo

Ditsela Tsa go Itumelela Botshelo

“Nka itumela fa nka tsena mo lenyalong ke bo ke nna le bana.”

“Nka itumela fa nka nna le ntlo ya me.”

“Nka itumela fa nka bona tiro eno.”

“Nka itumela fa nka . . .”

A O KILE wa ikutlwa jalo? Fa o sena go fitlhelela mokgele wa gago kgotsa o nna le dilo tse o neng o di batla, a o ne wa tswelela o itumetse? Kgotsa boitumelo joo bo ne jwa fela? Boammaaruri ke gore, go fitlhelela mokgele mongwe kgotsa go bona sengwe se o ntseng o se batla go ka go itumedisa, mme boitumelo joo ke jwa nakwana. Boitumelo jo bo nnelang ruri ga bo a ikaega ka dilo tse o di fitlhelelang. Go na le moo, jaaka go nna le botsogo jo bo molemo, boitumelo jwa mmatota bo ikaegile ka dilo di le mmalwa.

Batho ga ba tshwane. Se se go itumedisang ga se ka ke sa itumedisa yo mongwe. Mo godimo ga moo, fa re gola re a fetoga. Le fa go ntse jalo, tshedimosetso nngwe e bontsha gore go na le dilo dingwe tse di ka dirang gore motho a itumele. Ka sekai, boitumelo jwa mmatota bo amanngwa le go bona kgotsofalo, go tila go nna lefufa, go rata batho le go kgona go itshokela maemo a a thata. Mma re bone lebaka la seo.

 1. KGOTSOFALELA SE O NANG LE SONE

Moithuti mongwe yo o lemogileng tsela e batho ba tshelang ka yone a re: ‘Madi ke tshireletso.’ Gape o ne a kwala jaana: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno. Seno le sone ke lefela.” (Moreri 5:10; 7:12) O ne a raya goreng? Le fa gone re tlhoka madi gore re tshele, re tshwanetse go tila bogagapa ka gonne bo dira gore motho a se ka a kgotsofala! Mokwadi mongwe, e bong Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo, o ne a batla go bona gore a dikhumo le botshelo jwa manobonobo di ka dira gore motho a itumele. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka se ka ka thiba matlho a me mo go sepe se a neng a se kopa. Ke ne ka se ka ka thibela pelo ya me mo boipelong jwa mofuta le fa e le ofe.”—Moreri 1:13; 2:10.

E re ka Solomone a ne a humile thata, o ne a aga matlo a magolo, a dira diparaka tse dintle le matamo, a bo a nna le malata a le mantsi. O ne a na le sengwe le sengwe se a neng a se batla. O ne a ithuta eng? Gore se a se fitlheletseng se dirile gore a itumele ka nakwana. O ne a kwala jaana: “Mme bona! sengwe le sengwe e ne e le lefela . . . go ne go se na sepe se se solegelang molemo.” O ne a bo a simolola go tlhoa botshelo! (Moreri 2:11, 17, 18) Ee, Solomone o ne a ithuta gore go tshela botshelo jwa go ikgotsofatsa go dira gore motho a se ka a kgotsofala. *

A dipatlisiso tsa bosheng di dumalana le botlhale jono jwa bogologolo? Setlhogo sengwe sa Journal of Happiness Studies se tlhalosa gore “fa motho a sena go nna le dilo tse a di tlhokang, go nna le madi a mantsintsi go ka se mo itumedise.” Tota e bile, dipego di bontsha gore batho ba felelwa ke boitumelo fa ba reka dilo di le dintsi mme ba itlhokomolosa mekgwa e e siameng ya boitsholo.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong.”Bahebera 13:5.

2. TILA GO NNA LEFUFA

Lefufa le tlhalosiwa e le “go utlwisiwa botlhoko ke gore motho yo mongwe o na le sengwe se sentle mme o eletsa go nna le sone.” Fela jaaka tlhagala, lefufa le ka go tlhakatlhakanyetsa botshelo le go go amoga boitumelo. Lefufa le ka nna teng jang? Re ka le lemoga jang? Mme re ka le tila jang?

Buka ya Encyclopedia of Social Psychology ya re batho ba tlwaetse go fufegela batho ba ba lekanang le bone, gongwe ka dingwaga, maitemogelo kgotsa tsela e ba tshelang ka yone. Ka sekai, motho yo o rekisang a ka se fufegele motshameki yo o itsegeng wa difilimi. Go na le moo, a ka fufegela morekisi yo mongwe yo o atlegang.

Go tshwantsha: Balaodi bagolo bangwe ba kwa Peresia wa bogologolo ba ne ba sa fufegele kgosi, mme ba ne ba fufegela molaodimogolo mmogo le bone e bong Daniele yo o neng a atlegile. Go bonala banna bao ba ne ba sa itumela mo ba neng ba loga leano la go mmolaya! Mme leano leo le ne la itaya sefololetse. (Daniele 6:1-24) Buka ya tshedimosetso e re buileng ka yone kwa godimo ya re “go botlhokwa go lemoga gore lefufa le ka dira gore o  batle go utlwisa ba bangwe botlhoko. Ke gone ka moo dipego tse dintsi tsa mo nakong e e fetileng tsa go nna dikgoka di amanngwang le lefufa.” *

Lefufa le ka dira gore o se ka wa itumelela dilo tse di molemo mo botshelong

Lefufa le ka lemogiwa jang? Ipotse jaana: ‘Fa dithaka tsa me di atlega, a ke a itumela kgotsa ke a kgopisega? Fa nnake kgotsa nkgonne, kgotsa mongwe yo ke tsenang sekolo le ene, kgotsa modirimmogo le nna yo o setswerere a palelwa ke go dira sengwe, a ke utlwa botlhoko kgotsa ke ipelela seo?’ Fa o arabile ka gore “ke a kgopisega” kgotsa “ke ipelela seo,” o ka tswa o le lefufa. (Genesise 26:12-14) Encyclopedia of Social Psychology ya re “lefufa le ka dira gore o se ka wa itumelela dilo tse di molemo mo botshelong le gore o se ka wa anaanela dilo tse di molemo tse o di amogelang. . . . Mekgwa eno e ka go amoga boitumelo.”

Re ka lwantsha lefufa ka go ikokobetsa le go nna bonolo, e leng se se tla dirang gore re anaanele le go tseela bokgoni le dinonofo tse di molemo tsa batho ba bangwe kwa godimo. Baebele ya re: “Lo sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.”—Bafilipi 2:3.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “A re se ikgogomoseng, re gaisana, re fufegelana.”Bagalatia 5:26.

3. RATA BATHO

Buka ya Social Psychology ya re “tsela e batho ba ikutlwang ka yone ka dikamano tsa bone e ka dira gore ba itumelele botshelo go feta go itumedisiwa ke ditiro tsa boitshediso, lotseno kgotsa botsogo jo bo molemo.” E le gore batho ba itumele, ba tshwanetse go bontshana lorato. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a re: “Fa ke . . . se na lorato, ga ke sepe.”—1 Bakorintha 13:2.

O ka kgona go ithuta go rata batho. Ka sekai, rraagwe Vanessa o ne a le lesotlo e bile a nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Fa Vanessa a le dingwaga di le 14, o ne a tshaba kwa gae a nna kwa magaeng a batho le kwa setheong se go tlhokomelwang batho ba ba se nang magae gone, mme fa a le koo a gakologelwa go kopa Modimo gore a mo thuse. Go bonala thapelo ya gagwe e ne ya arabiwa ka gore a ye go nna le lelapa le le tshelang ka molaomotheo wa Baebele o o reng “lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.” (1 Bakorintha 13:4) Go nna mo lelapeng le le molemo jalo le go ithuta Baebele, go thusitse Vanessa gore a nne le kagiso ya mogopolo le go godisa bokgoni jwa gagwe jwa go akanya. O ne a re: “Ke ne ka simolola go bona maduo a a kwa godimo kwa sekolong.”

Vanessa o sa ntse a utlwisiwa botlhoko ke dilo tse di mo diragaletseng. Le fa go ntse jalo, gone jaanong o mo lenyalong le le itumetseng e bile ke mmaagwe basetsana ba babedi.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”Bakolosa 3:14.

 4. ITSHOKE

Ke mang yo o se nang mathata? Baebele ya re go na le “nako ya go lela” le “nako ya go hutsafala.” (Moreri 3:4) Boitshoko bo re thusa gore re lebe dilo ka tsela e e siameng le fa re lebana le mathata. Akanya ka Carol le Mildred.

Carol o na le bothata jwa mokwatla, bolwetse jwa sukiri, bothata jwa go hema fa a robetse, le bothata bongwe jo bo amanang le matlho (macular degeneration) jo bo foufaditseng leitlho la gagwe la molema. Le fa go ntse jalo, a re: “Ga ke itetle go nna ke kgobegile marapo. Gone ka dinako dingwe ke tle ke akanye ka boemo jwa me. Mme ga ke tlhome mogopolo mo go jone, go na le moo, ke leboga Modimo ka ntlha ya se ke kgonang go se dira, segolobogolo ke se direla ba bangwe.”

Mildred le ene o na le malwetse a le mmalwa, a a jaaka ramatiki, kankere ya mabele le bolwetse jwa sukiri. Mme fela jaaka Carol, o leka go se tlhome mogopolo mo mathateng a gagwe. A re: “Ke ithutile go rata batho le go ba kgothatsa fa ba lwala, mme seo le nna se a nthusa. Tota e bile ke lemogile gore fa ke kgothatsa ba bangwe, ga ke tshwenyege thata ka mathata a me.”

Carol le Mildred ba itumedisiwa ke go kgothatsa ba bangwe

Le fa basadi bano ba babedi ba batla kalafi e e molemo, ga ba tlhome mogopolo thata mo botsogong jwa bone, go na le moo, ba leba dilo ka tsela e e siameng e bile ba dirisa nako ya bone sentle. Seo se felela ka gore ba nne le boitumelo jo go seng ope yo o ka ba amogang jone. Mo godimo ga moo, ba ratiwa ke batho e bile ba tlhotlheletsa batho ba ba lebanang le mathata a a farologaneng.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Go itumela motho yo o nnang a itshokela teko, ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo.”Jakobe 1:12.

Fa botlhale jwa Baebele bo dirisiwa, bo tshwana le “setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.” (Diane 3:13-18) Ke ka ntlha yang fa o sa iponele boammaaruri jwa seo ka go dirisa botlhale jo bo mo Baebeleng? Tota e bile, Mokwadi wa buka eno e e boitshepo, yo gape a bidiwang “Modimo yo o itumetseng” o batla gore o itumele.—1 Timotheo 1:11.

^ ser. 11 Pego ya se Solomone a neng a se dira e fitlhelwa mo go Moreri 2:1-11.

^ ser. 17 Pego nngwe e e tlhomologileng ke ya ga Jesu Keresete. Mareko 15:10 ya re “baperesiti ba bagolo ba ne ba . . . neetse [Jesu] ka ntlha ya lefufa” gore a bolawe.