Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha ka Asia

Dintlha ka Asia

Asia ke kontinente e e nang le batho ba bantsi go gaisa mo lefatsheng. Diperesente di le 30 tsa baagi ba lefatshe ke batho ba kwa China le India. Dinaga tsa Asia di lebana le dikgwetlho dife tsa go ruta le go sireletsa baagi ba tsone?

Thuto e Sireletsa Bana

Baitse ba tsa molao kwa China ba re bana ba ka sotliwa ka tsa thobalano fa batsadi ba bone ba sa ba rute ka yone fa ba sa le bannye. Bosheng jaana mo dingwageng di le nnè, babueledi ba ne ba dira ka dikgetsi di le 8 000 tsa batho ba ba neng ba latofadiwa ka go sotla bana ka thobalano. Porofesa wa molao wa kwa Beijing Normal University a re bana “ga ba a sireletsega e bile ba ka tlhaselwa motlhofo. Ka jalo, go ba ruta go dira gore ba se ka ba tlhaselwa ka tsa thobalano.”

SE BAEBELE E SE BUANG: Batsadi ba ba botlhale ba ruta bana ba bone go itshireletsa “mo mothong yo o buang dilo tse di sokameng.” —Diane 2:1, 10-12.

Dintsho Tsa Morago ga Setsuatsue

Patlisiso nngwe ya re palogare ya masea a basetsana a kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Philippine a a swang morago ga setsuatsue, e feta palo ya batho ba ba bolawang ke setsuatsue ka bosone ka makgetlo a le 15. Dilo tse di bakang seno ke go tlhoka ditiro morago ga setsuatsue, ditshenyegelo tsa go aga gape le tsela e dilo tse di tlhokwang ke masea a basetsana tse di jaaka dijo tsa dikotla le kalafi di abiwang ka yone.

SE BAEBELE E SE BUANG: ‘Kgaoganyetsa yo o tshwerweng ke tlala senkgwe sa gago, o tlise ba ba bogisiwang, ba ba se nang magae mo ntlong ya gago.’—Isaia 58:7.

Bagodi ba Kwa Korea Borwa ba a Ipolaya

Ka 2011, batho ba le diperesente di feta 30 ba ba ipolaileng kwa Korea Borwa ke bagolo ba dingwaga di le 65 kgotsa go feta. Babatlisisi bangwe ba re seno se bakwa ke tsela e bagolo ba tshwarwang ka yone le mathata a tsa ikonomi—bagodi ba ka nna diperesente di le 50 kwa Korea Borwa ba humanegile. Gone jaanong mo e ka nnang halofo ya batho kwa Korea Borwa ba re bana ba tshwanetse go tlhokomela batsadi ba bone ba ba godileng.

SE BAEBELE E SE BUANG: “Tlotla rrago le mmago.”—Baefeso 6:2.