Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A BO TLHAMILWE?

Bokgoni Jwa Mmele Jwa go Alafa Dintho

Bokgoni Jwa Mmele Jwa go Alafa Dintho

SENGWE sa dilo tse di dirang gore motho a tswelele a tshela, ke bokgoni jwa mmele jwa go alafa dintho le go baakanya dithishu tse di gobetseng. Seo se direga ka bonako fela fa motho a sena go gobala.

Akanya ka seno: Dintlha tse di latelang di bontsha tsela e e raraaneng e disele tsa mmele di berekang ka yone le kafa mmele o alafang dintho le go baakanya dithishu tse di gobetseng ka gone:

  • Disele dingwe tsa madi di kgomarela dithishu tse di dikologileng ntho, di bo di dira gore madi a reme a bo a kabe ditshika tse di gobetseng.

  • Go ruruga go dira gore ntho eo e se ka ya tsenwa ke megare e bile go ntsha leswe lepe fela le le bakilweng ke kgobalo.

  • Mo malatsing a se kae, mmele o simolola go dira dithishu tse disha, o kopanya ntho e e neng e bulegile o bo o baakanya ditshika tse di gobetseng.

  • Kwa bofelong, thishu ya lobadi e dira gore nama e kopane le gore go fole.

Babatlisisi ba kgatlhilwe ke tsela e madi a remang ka yone mme seo se dirile gore ba leke go dira didirisiwa tsa polasetiki tse di tla ipaakanyang fa di senyegile. Didirisiwa tseo di tsentswe ditšhupu tse dinnye tse di nang le dikhemikale tse pedi tse di dutlang fa go senyegileng gone. Fa dikhemikale tseno di kopana, di a rema di bo di anama mo lefelong le le senyegileng di tswala maroba kgotsa diphatlha tse di leng gone. Fa dikhemikale tseno di omelela, di dira gore sedirisiwa seno se nne fela jaaka se ne se ntse kwa tshimologong. Mmatlisisi mongwe a re tlhago ga e bolo go nna le mokgwa ono wa go fodisa o batho ba sa ntseng ba leka go o “etsa.”

O akanyang? A bokgoni jwa mmele jwa go alafa dintho bo itlhagetse ka bogone fela? Kgotsa a bo tlhamilwe?