Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa

Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa

‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go Jehofa, ka gonne o a lo kgathalela.’—1 PET. 5:7.

PINA: 60, 23

1, 2. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go gakgamala fa re tlhobaela? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno?

RE TSHELA mo metlheng e e ngomolang pelo. Satane Diabolo o tuka bogale e bile “o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Pet. 5:8; Tshen. 12:17) Ka jalo, ga go gakgamatse gore ka dinako dingwe batlhanka ba Modimo le bone ba a tlhobaela. Kana e bile, ka dinako dingwe batlhanka ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ba jaaka Kgosi Dafide, ba ne ba “kgaratlha [kgotsa ba tshwenyegile] mo moyeng.” (Pes. 13:2) Gape gopola gore moaposetoloi Paulo o ne a “tlhobaela ka diphuthego tsotlhe.” (2 Bakor. 11:28) Mme gone, re ka dira eng fa re fekeediwa ke go tlhobaela thata?

2 Rraarona yo o lorato o ne a thusa batlhanka ba gagwe mo nakong e e fetileng, e bile le rona a ka re thusa go ritibala fa re ngomogile pelo kgotsa re tlaletswe. Baebele e re rotloetsa jaana: ‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.’ (1 Pet. 5:7) Mme gone, o ka dira seo jang? A re sekasekeng ditsela di le nnè tse di ka re thusang: Go rapela Modimo go tswa pelong, go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone, go kopa moya o o boitshepo wa ga Jehofa le go tshololela mongwe yo o mo tshepang maikutlo a gago. Fa re ntse re sekaseka ditsela tseno tse nnè, leka go bona gore o ka di dirisa jang mo botshelong jwa gago.

“LATLHELA MOKGWELEO WA GAGO MO GO JEHOFA”

3. O ka “latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa” jang?

3 Selo sa ntlha se o ka se dirang ke go rapela Jehofa ka tlhoafalo. Fa o lebana le maemo a a dirang gore o ikutlwe o sa phuthologa, o tshogile kgotsa o tlhobaela, tshololela Rraago yo o lorato maikutlo a gago. Mopesalema Dafide o ne a kopa Jehofa jaana: “A ko o sekegele thapelo ya me tsebe, tlhe Modimo.” Go tswa foo, a bo a re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pes. 55:1, 22) Fa o sena go dira sotlhe se o ka se kgonang go rarabolola bothata bongwe, go rapela go tswa pelong go tla go thusa thata go feta go nnela go tshwenyega. Mme gone, thapelo e ka go thusa jang gore o se ka wa fekeediwa ke go tshwenyega le ke kutlobotlhoko?—Pes. 94:18, 19.

4. Ke eng fa go le botlhokwa gore re rapele fa re tlhobaela?

4 Bala Bafilipi 4:6, 7Fa re dira mekokotlelo ka tlhoafalo, go tswa pelong e bile re dira jalo ka metlha, Jehofa o tla re araba. Jang? O tla re thusa go ritibala, mme seo se tla dira gore re se ka ra tshwenyega. Seno se ke se Jehofa a se diretseng batho ba le bantsi. Fa ba ne ba tlhobaela, Modimo o ne a ba thusa gore ba ritibale le go nna le kagiso e e gaisang kakanyo yotlhe. Le wena Modimo a ka go thusa ka tsela e e tshwanang. Ka jalo, “kagiso ya Modimo” e ka go thusa go fenya kgwetlho epe fela e o ka lebanang le yone. O ka ikanya tsholofetso eno e e lorato ya ga Jehofa: “O se ka wa leba kwa le kwa [wa tlhobaela], gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.”—Isa. 41:10.

LEFOKO LA MODIMO LE RE NAYA KAGISO

5. Lefoko la Modimo le ka re thusa jang gore re nne le kagiso?

5 Selo sa bobedi se se ka re thusang gore re nne le kagiso ke go bala Baebele le go tlhatlhanya ka se re se ithutileng. Ke eng fa go dira jalo go le botlhokwa? Baebele e na le kaelo e e tswang kwa Modimong e e ka re thusang go tila, go fokotsa kgotsa go lepalepana le tlhobaelo. O se ka wa lebala gore Lefoko la Modimo le mosola e bile le a lapolosa ka gonne le na le mafoko a a botlhale a a tswang kwa Mmoping. Fa o ntse o tlhatlhanya ka dikakanyo tsa Modimo bosigo le motshegare, e bile o akanya kafa o ka dirisang kgakololo ya Baebele ka gone, tumelo ya gago e tla nonofa. Jehofa o re tlhomamisetsa gore go bala Lefoko la gagwe go tla re thusa gore re ‘nne pelokgale re bo re nonofe’ le gore ga re kitla re ‘garoga pelo kgotsa go tshoga.’—Josh. 1:7-9.

6. Mafoko a ga Jesu a ka go thusa jang?

6 Baebele e na le mafoko a a ritibatsang a Jesu a neng a a bua. Se a neng a se bua le se a neng a se ruta se ne se lapolosa batho ba ba neng ba mo reeditse. Batho ba le bantsi ba ne ba tla kwa go ene ka gonne o ne a thusa ba ba nang le mathata, a nonotsha ba ba bokoa e bile a gomotsa ba ba tshwenyegileng mo maikutlong. (Bala Mathaio 11:28-30.) O ne a akanyetsa dilo tse ba bangwe ba di tlhokang mo maikutlong le mo mmeleng e bile a ba thusa gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo. (Mar. 6:30-32) Le gompieno Jesu o sa ntse a ka re thusa fela jaaka a ile a thusa baaposetoloi ba gagwe. Ga o tlhoke gore o bo o na le Jesu ka tsela ya mmatota gore o solegelwe molemo ke thuso ya gagwe. E re ka Jesu e le Kgosi kwa legodimong, o sa ntse a amega ka rona. Ka jalo, fa o tlhobaela, a ka ‘go tswa thuso’ le go go ‘thusa ka nako e e tshwanetseng.’ Mafoko a ga Jesu a ka go thusa gore o lepalepane le tlhobaelo le go dira gore o nne le tsholofelo le bopelokgale.—Baheb. 2:17, 18; 4:16.

DINONOFO TSE MOYA WA MODIMO O DI TLHAGISANG

7. O tla solegelwa molemo jang fa Modimo a go naya moya o o boitshepo?

7 Jesu o ne a solofetsa gore Rraarona yo o kwa legodimong o tla re naya moya o o boitshepo fa re o kopa. (Luke 11:10-13) Selo sa boraro se se tla re thusang gore re kgone go lepalepana le tlhobaelo ke dinonofo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone. Dinonofo tseno di bontsha botho jwa Modimo. (Bala Bagalatia 5:22, 23; Bakol. 3:10) Fa o ntse o lwela go nna le dinonofo tseno, tsela e o dirisanang ka yone le ba bangwe e tla tokafala. Ka jalo, seno se tla dira gore go se ka ga nna le maemo a a tla dirang gore o tlhobaele. Akanya kafa dinonofo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone di ka re thusang ka gone.

8-12. Dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang di ka go thusa jang gore o kgone go tila kgotsa go lepalepana le maemo a a ka dirang gore o tlhobaele?

8 “Lorato, boipelo, kagiso.” Fa o tlotla batho ba bangwe, go tla nna motlhofo gore o kgone go lepalepana le go tlhobaela. Ke eng fa re rialo? Fa o ntse o bontsha lorato lwa bokaulengwe, lorato lwa bopelonomi le tlotlo, o tla kgona go tila maemo a a ka dirang gore o tlhobaele.—Bar. 12:10.

9 “Bopelotelele, bopelonomi, molemo.” Go ikobela kgakololo eno go tla go thusa gore o nne le kamano e e molemo le batho ba bangwe: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile.” (Baef. 4:32) Fa o dira jalo, o tla kgona go tila maemo a a ka dirang gore o tlhobaele. Mo godimo ga moo, o tla kgona go lebana sentle le diphoso tse ba bangwe ba di dirang.

10 “Tumelo.” Gantsi re tlhobaediwa ke madi le dithoto. (Dia. 18:11) Le fa go ntse jalo, fa o dumela gore Jehofa o tla go tlhokomela, seno se tla go thusa gore o kgone go tila kgotsa go lepalepana le tlhobaelo. Ke eng fa re rialo? O ka kgona go tila go tlhobaela ka go dirisa kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga moaposetoloi Paulo ya gore re ‘kgotsofalele dilo tsa jaanong.’ Paulo o oketsa ka go re: “Gonne [Modimo] o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’ Gore re tle re nne le bopelokgale jo bogolo mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?’”—Baheb. 13:5, 6.

11 “Bonolo, boikgapo.” Akanya kafa go bontsha dinonofo tseno go ka go solegelang molemo thata ka teng. Fa o dira jalo, o tla kgona go tila go dira dilo tse di ka dirang gore o tlhobaele, gape o tla solegelwa molemo ke go tila “kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba.”—Baef. 4:31.

12 Gone ke boammaaruri gore o tla tlhoka go ikokobetsa gore o kgone go ipaya kafa tlase ga “seatla se se thata sa Modimo” le gore o kgone go ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene.’ (1 Pet. 5:6, 7) Go nna boikokobetso go tla dira gore Modimo a go amogele le go go ema nokeng. (Mik. 6:8) Fa o itse gore ke dilo dife tse o kgonang go di dira le tse o sa kgoneng go di dira, ga go kitla go nna motlhofo gore o tlhobaele ka gonne o tla bo o ikaegile ka Modimo.

“LO SE KA LE KA MOTLHA LWA TLHOBAELA”

13. Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela”?

13 Jesu o ne a re naya kgakololo eno e e molemo mo go Mathaio 6:34 (e bale): “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela.” Le fa go ntse jalo, go ka bonala go se motlhofo go dirisa kgakololo eo. Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela”? Gone o ne a sa reye gore batlhanka ba Modimo ga ba kitla ba tlhobaela; mafoko a Dafide le Paulo ba neng ba a bua a bontsha gore seno ga se kgonege. Tota Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe go lemoga gore go tlhobaela go sa tlhokege kgotsa ka tsela e e feteletseng ga go thuse ka sepe. Malatsi ga a tlhabe ka go tshwana, ka jalo, Bakeresete ga ba tlhoke go ikokeletsa mokgweleo ka go tlhobaela ka dilo tse di fetileng kgotsa tsa mo isagweng. Go dirisa kgakololo ya ga Jesu go tla go thusa jang gore o se ka wa tlhobaela thata?

14. O ka lepalepana jang le go tlhobaediwa ke dilo tse o di dirileng mo nakong e e fetileng?

14 Dilo tse motho a di dirileng mo nakong e e fetileng kgotsa diphoso tsa gagwe, di ka nna tsa dira gore a tlhobaele. A ka nna a bo a ikutlwa molato ka ntlha ya sengwe se a se dirileng mo nakong e e fetileng, gongwe le e leng dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Ka dinako dingwe, Kgosi Dafide o ne a utlwa e kete ‘ditlolo tsa gagwe di mo godimo ga tlhogo ya gagwe.’ O ne a bua jaana: “Ke kurutlile ka ntlha ya go fegelwa ga pelo ya me.” (Pes. 38:3, 4, 8, 18) Dafide o ne a tshwanetse go dira eng mo maemong ao? Ke eng se a neng a se dira? O ne a dumela gore Jehofa o tla mo utlwela botlhoko le go mo itshwarela. O ne a bua jaana a tlhatswegile pelo: “Go itumela yo go tlhanoga ga gagwe go itshwaretsweng.”—Bala Pesalema 32:1-3, 5.

15. (a) Ke eng fa o sa tlhoke go tlhobaela ka dilo tse di diregang gone jaanong? (b) Ke dilo dife tse o ka di dirang go fokotsa tlhobaelo? (Bona lebokose le le reng, “ Ditsela Dingwe Tsa go Fokotsa Tlhobaelo.”)

15 Ka dinako tse dingwe, o ka tlhobaediwa ke dilo tse di diregang mo botshelong jwa gago gone jaanong. Ka sekai, fa Dafide a ne a kwala Pesalema 55, o ne a tshogile ka gonne mongwe o ne a batla go mmolaya. (Pes. 55:2-5) Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla seo se dira gore a se ka a tlhola a ikanya Jehofa. Dafide o ne a bolelela Jehofa mathata a gagwe mme gone, ga a ka a nna fela a phuthile matsogo, go na le moo, o ne a itse gore o tshwanetse go dira sengwe go leka go a rarabolola. (2 Sam. 15:30-34) O ka ithuta sengwe go tswa mo go ene. Go na le gore o itetle go fekeediwa ke go tlhobaela, dira se o ka se kgonang go rarabolola bothata o bo o letla Jehofa gore a go thuse.

16. Bokao jwa leina la Modimo bo ka nonotsha tumelo ya gago jang?

16 Fa Mokeresete a nnela go tshwenyega ka mathata a a ka nnang a tlhaga mo isagweng, seno se tla dira gore a tlhobaele go sa tlhokege. Le fa go ntse jalo, ga o tlhoke go nna o tlhobaela ka dilo tse di iseng di direge. Ka ntlha yang? Ka gonne gantsi dilo ga di nne maswe jaaka re ne re akanya. Mo godimo ga moo, ga go na sepe se se ka palelang Modimo yo o ka latlhelang tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene. Leina la gagwe le kaya, “O Dira Gore go Diragale.” (Ekes. 3:14) Bokao jono jwa leina la Modimo bo re tlhomamisetsa gore Modimo a ka kgona go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka batlhanka ba gagwe. O ka tlhomamisega gore Modimo o tla segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, e bile o tla ba thusa go lepalepana le go tlhobaela ka dilo tse di diragetseng, tse di diregang le tse di tla diregang mo isagweng.

TSHOLOLELA MONGWE MAIKUTLO A GAGO

17, 18. Go tshololela mongwe yo o mo tshepang maikutlo go ka go thusa jang gore o kgone go lepalepana le tlhobaelo?

17 Selo sa bonè se se ka go thusang go lepalepana le go tlhobaela ke go tshololela mongwe yo o mo tshepang maikutlo a gago. Molekane wa gago wa lenyalo, tsala e o atamalaneng le yone kgotsa mogolwane mongwe mo phuthegong ya lona, a ka nna a go thusa gore o lebe dilo sentle mme seo se tla go thusa gore o se ka wa tlhobaela ka tsela e e feteletseng. “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.” (Dia. 12:25) Go bolelela mongwe yo o mo tshepang dilo tse di go tshwenyang, go tla go thusa go tlhaloganya bothata jwa gago sentle le gore o lepalepane le jone sentle. Baebele e re bolelela jaana: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.”—Dia. 15:22.

18 Gape Jehofa o dirisa dipokano tsa phuthego go thusa Bakeresete gore ba lepalepane le go tlhobaela. Fa o le kwa go tsone, o nna le tshono ya go kopana le badumedimmogo le wena ba ba amegileng ka wena le ba ba tla go kgothatsang. (Baheb. 10:24, 25) Go ‘kgothatsana’ ka tsela eo, go tla nonotsha tumelo ya gago, mme o tla kgona go lepalepana le sepe fela se se go tlhobaetsang.—Bar. 1:12.

KAMANO YA GAGO LE MODIMO E TLA GO NONOTSHA

19. Ke eng fa o tlhomamisegile gore kamano ya gago le Modimo e tla go nonotsha fa o na le mathata?

19 Ela tlhoko kafa mogolwane mongwe wa kwa Canada a ileng a lemoga ka gone gore go botlhokwa go latlhela mokgweleo wa gagwe mo go Jehofa. O na le tiro e e ngomolang pelo ya go nna morutabana mme gape o na le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong. O ile a kgona jang go itshoka? A re: “Go leka ka natla go nonotsha kamano ya me le Jehofa go nthusitse fela thata gore ke kgone go emelana le mathata a me. Fa go le thata, go ikaega ka thuso ya ditsala tsa me le bakaulengwe ba me go ne ga nthusa. Ga ke fitlhele mosadi wa me sepe. Bagolwane ba bangwe le molebedi wa rona wa potologo ba ile ba nthusa go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Gape ke ne ka ya ngakeng, ka tokafatsa tsela e ke neng ke dirisa nako ka yone e bile ka ipha nako ya go ikhutsa le go itshidila mmele. Fa nako e ntse e ya, dilo di ne tsa simolola go tsamaya sentle. Fa go na le dilo tse ke sa kgoneng go di laola, ke di tlogelela Jehofa.”

20. (a) Re ka latlhela mokgweleo wa rona mo Modimong jang? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Ka bokhutshwane re ka re, re ithutile gore go botlhokwa go latlhela mokgweleo wa rona mo go Jehofa ka go mo rapela go tswa pelong le ka go bala Lefoko la gagwe le go tlhatlhanya ka lone. Gape re bone gore go botlhokwa gore re lwele go nna le dinonofo tse moya o o boitshepo o di tlhagisang, re tshololele mongwe yo re mo tshepang maikutlo a rona e bile re ye dipokanong ka metlha ka gonne seo se tla re nonotsha. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona kafa Jehofa a re thusang ka gone ka go re solofetsa gore o tla re duela.—Baheb. 11:6.