Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bontsha Bopelonomi

Go Bontsha Bopelonomi

RRAAGWE John o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa kwa bowelong jwa bo1950 mme o kolobeditswe kwa toropong e e nnye ya Gujarat kwa India. John, bana ba kwa gabone ba le batlhano le mmaabone e ne e le maloko a a tlhagafetseng a kereke ya Roma Katoliki. Ka jalo, ba ne ba ganetsa dilo tse rraabone a di dumelang.

Letsatsi lengwe rraagwe John o ne a mo roma gore a ise lekwalo kwa mokaulengweng mongwe wa phuthego ya bone. Mo mosong oo, John o ne a segwa ke thini mo monwaneng. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a sa batle go swabisa rraagwe, o ne a hapa monwana wa gagwe ka letsela a bo a isa lekwalo.

Fa John a goroga koo, o ne a fitlhela mosadi wa mokaulengwe yoo yo le ene e neng e le Mosupi wa ga Jehofa, John o ne a mo naya lekwalo. O ne a bona gore John o gobetse monwana a bo a kopa go mo thusa. O ne a ya go tsaya lebokoso la gagwe la thuso ya potlako, a sutlha ntho eo ka molemo o o bolayang megare a bo a e hapa. Morago ga moo, o ne a direla John tee a ntse a tlotla le ene ka molaetsa wa Baebele.

Seno se ne sa dira gore tsela e John a tlhoileng Basupi ka yone e fokotsege, ka jalo, John o ne a mmotsa dilo tse pedi tse a neng a di dumela mme rraagwe a sa di dumele. O ne a mmotsa gore a Jesu ke Modimo le gore a Bakeresete ba tshwanetse go rapela Marea. E re ka mosadi yono a ne a itse puo ya ga John ya Se-Gujarati, o ne a mo araba a dirisa Baebele a bo a mo naya bukana ya “This Good News of the Kingdom.”

Moragonyana fa John a bala bukana eo, go ne ga nna jaaka e kete ke la ntlha a utlwa boammaaruri jwa Baebele. O ne a ya kwa moruting wa kereke ya gagwe a bo a mmotsa dipotso tseo tse pedi. Moruti yoo o ne a galefa a bo a mo konopa ka Baebele, a re: “O fetogile Satane! Mpontshe gore ke fa kae mo Baebele e reng Jesu ga se Modimo. Mpontshe gore ke fa kae mo e reng ga re a tshwanela go obamela Marea. Mpontshe!” John o ne a gakgamaletse tsela e moruti yoo a neng a itshwara ka yone a bo a mo raya a re: “O ka se tlhole o mpone mo kerekeng eno.” Go ne ga nna fela jalo!

John o ne a ithuta Baebele le Basupi mme a simolola go direla Jehofa. Fa nako e ntse e ya, bangwe mo lelapeng la gaabo ba ne ba simolola go ithuta Baebele. John o sa ntse a na le lobadi mo monwaneng o o segilweng ke thini dingwaga di ka nna 60 tse di fetileng. Ga a lebale bopelonomi jo a neng a bo bontshiwa jo bo neng jwa mo gogela mo kobamelong ya boammaaruri.—2 Bakor. 6:4, 6.