Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSELA YA GO ITUMELA

Lorato

Lorato

MONGWE LE MONGWE O BATLA GO RATIWA. Lorato lo dira gore motho a itumelele lenyalo, lelapa le botsala. Ka jalo, go a utlwala gore re re lorato lo dira gore motho a itekanele mo tlhaloganyong le gore a itumele. Mme tota “lorato” ke eng?

Fano ga go buiwe ka lorato lwa baratani, mme le lone lo botlhokwa. Go na le moo, re bua ka lorato lo lo dirang gore motho a kgathalele ba bangwe le gore a ba tseye ba le botlhokwa go feta ene. Ke lorato lo lo theilweng mo molaomotheong ya Modimo.

Lorato lo tlhalosiwa ka tsela eno e e kgatlhang: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, . . . lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.”—1 Bakorintha 13:4-8.

Lorato lo lo ntseng jalo “ga lo ke lo fela,” mo go rayang gore lo nnela ruri. Tota lo kgona go nonofa fa nako e ntse e ya. Gape ke “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano” ka gonne lo pelotelele, lo pelonomi e bile lo a itshwarela. (Bakolosa 3:14) Ka jalo, batho ba ba kopantsweng ke lorato loo ba nna ba itumetse e bile ba sa tshwenyege le fa ba na le makoa. Ka sekai, akanya ka kgolagano ya lenyalo.

GO KOPANNGWA KE “SEBOFO SE SE ITEKANETSENG SA KUTLWANO”

Jesu Keresete o ne a ruta batho melaometheo e e botlhokwa ka lenyalo. Ka sekai, o ne a re: “‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’ . . . Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:5, 6) Go na le melaometheo e mebedi e e botlhokwa mo temaneng eo.

“BOBEDI JONO BO TLA NNA NAMA E LE NNGWE.” Lenyalo ke kgolagano e e kgethegileng e bile lorato lo ka dira gore banyalani ba nne ba ikanyega—ba nne “nama e le nngwe” fela le yo ba nyalaneng le ene. (1 Bakorintha 6:16; Bahebera 13:4) Go sa ikanyege go dira gore batho ba se ka ba tlhola ba tshepana e bile go ka thuba lenyalo. Fa banyalani bao ba na le bana, seo se ka utlwisa bana botlhoko, sa dira gore ba ikutlwe ba sa ratiwe kgotsa ba sa sireletsega.

“SE MODIMO A SE KOPANTSENG.” Gape lenyalo ke kgolagano e e boitshepo. Banyalani ba ba tsayang seo se le botlhokwa, ba leka thata go nonotsha lenyalo la bone. Ga ba leke go fedisa lenyalo fa go tlhaga mathata. Lorato lwa bone lo nonofile e bile lo a itshoka. Lorato lo lo ntseng jalo lo “emelana le dilo tsotlhe,” lo re thusa go rarabolola mathata le go leka ka natla go dira gore go nne le boitumelo le kagiso mo lenyalong.

Fa batsadi ba akanyetsana, seo se dira gore bana ba itumele thata. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Jessica la re: “Batsadi ba me ba a ratana e bile ba tlotlana tota. Fa ke bona mama a bontsha gore o tlotla papa, segolobogolo fa ba dirisana le rona, go dira gore ke batle go tshwana le ene.”

Lorato ke nonofo ya Modimo e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe. Tota e bile, Baebele ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Jehofa a bidiwa “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Le rona re tla itumela fa re leka thata go nna le dinonofo tse di tshwanang le tsa Mmopi wa rona, segolobogolo lorato. Baefeso 5:1, 2 ya re: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.”