Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE

3 | Fetsa Nako le ba Bangwe

3 | Fetsa Nako le ba Bangwe

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Fa mathata mo lefatsheng a ntse a gakala batho ba le bantsi ga ba fetse nako le ba masika le ditsala.

  • Batho ba katogela kgakala le ditsala tsa bone.

  • Banyalani ga ba dirisane sentle mo lenyalong la bone.

  • Batsadi ga ba fetse nako le bana ba bone kgotsa ga ba ba reetse.

Se o Tlhokang go se Itse

  • Ditsala di botlhokwa ka gonne di re thusa gore re itekanele mo mmeleng le mo maikutlong bogolo jang ka dinako tse di thata.

  • Lefatshe leno le le tlhakatlhakaneng le dira gore re nne le seterese mme fa go nna jalo re nna le mathata mo lelapeng.

  • O ka nna wa se ka wa lemoga gore fa bana ba bona kgotsa ba utlwa dilo tse di bosula tse di diragalang mo dikgannyeng go ka ba tshosa.

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Se Baebele e se buang: “Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”—Diane 17:17.

Ditsala di kgona go re thusa le go re gakolola. Ditsala tse di lorato di kgona go go thusa gore o itshokele dikgwetlho tsa letsatsi leo.