Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSOLOTSO | YAN-DER HSUUW

Moitse wa Lesea Le le Mo Popelong o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Moitse wa Lesea Le le Mo Popelong o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

POROFESA Yan-Der Hsuuw ke mokaedi wa patlisiso ya lesea le le mo popelong kwa Taiwan’s National Pingtung University of Science and Technology. O kile a bo a dumela gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe mme seo se ne sa fetoga fa a se na go nna moitsesaense wa dipatlisiso. O ne a tlhalosetsa Tsogang! gore goreng a ne a fetola mogopolo.

Tsweetswee re bolelele go le gonnye ka wena.

Ke tshotswe ka 1966 mme ka golela kwa Taiwan. Batsadi ba me ba ne ba dumela mo Se-Taong le mo Sebudeng. Le fa re ne re rapela badimo le ditshwantsho, re ne re sa akanye gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe.

Goreng o ne o ithuta ka ditshedi?

Fa ke le ngwana, ke ne ke rata go tlhokomela diphologolo tsa mo lapeng e bile ke ne ke batla go thusa batho le diphologolo gore ba se ka ba boga. Ke ne ka ithuta ka melemo ya diphologolo ka nakwana, mme moragonyana ka ithuta ka lesea le le mo popelong—selo se ke neng ke akanya gore se tla nthusa go tlhaloganya gore re tswa kae.

Goreng ka nako eo o ne o dumela gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe?

Boporofesa ba kwa yunibesithing ba ne ba ruta gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe ba bo ba re baya bobi mo matlhong ba re go na le bosupi. Ke ne ke dumela seo.

Goreng o ne o simolola go bala Baebele?

Ke ne ke tlhotlhelediwa ke mabaka a mabedi. La ntlha e ne e le gore, mo medimong e mentsi e batho ba e rapelang, go tshwanetse ga bo go na le yo mogolo. Mme ke ofe? La bobedi, ke ne ke itse gore Baebele ke buka e e tseelwang kwa godimo thata. Ka jalo, ke ne ka tsenela ditlelase tsa go ithuta Baebele.

Fa ke simolola go ithuta kwa Belgium’s Catholic University ya kwa Leuven ka 1992, ke ne ka etela kereke ya Katoliki mme ka kopa moruti gore a nthuse go tlhaloganya Baebele. O ne a gana go nthusa.

Jaanong go tlile jang gore o bone dikarabo tsa dipotso tsa gago?

Dingwaga di le pedi moragonyana fa ke ne ke sa ntse ke dira dipatlisiso tsa saense kwa Belgium, ke ne ka kopana le mosadi wa Mo-Poland yo o bidiwang Ruth, yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a ithutile puo ya Se-China gore a kgone go rerela baithuti ba yunibesithi ba ba neng ba batla go ithuta ka Modimo. Ke ne ke itumeletse go kopana le ene ka gonne ke ne ke rapetse ka gone.

Ruth o ne a mpontsha gore le fa Baebele e se buka ya saense, e dumalana le saense. Ka sekai, mokwadi mongwe wa Baebele e bong Dafide o ne a rapela Modimo jaana: “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.” (Pesalema 139:16) Le fa Dafide a ne a dirisa puo ya poko, tota o ne a opile kgomo lonaka! Le eleng pele mmele o bopega, go na le tshedimosetso ya gore o tla nna jang. Boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo ne jwa ntlhatswa pelo gore ke Lefoko la Modimo. Gape ke ne ka simolola go tlhaloganya gore go na le Modimo wa boammaaruri a le esi fela e bong Jehofa. 1

Ke eng se se go tlhatswitseng pelo gore Modimo ke Mmopi wa botshelo?

Maikaelelo a dipatlisiso tsa saense ke go batla boammaaruri, e seng go tshegetsa dikgopolo tse di itlhametsweng. Go ithuta gore lesea le bopega jang mo popelong go dirile gore ke fetole mogopolo, ka jalo ke ne ka swetsa ka go re go na le mongwe yo o re bopileng. Ka sekai, baenjenere ba dirile metšhini e dilo tse di dirwang di tsamayang di tlhomagane mo go yone, gore dikarolo tsa tsone di kopane sentle ka thulaganyo. Go ntse jalo le ka tsela e lesea le le mo popelong le bopegang ka yone mme lone le raraane thata go feta seno.

Thulaganyo eno yotlhe e simolola ka gore lee le kopane le peo, gakere?

Ee. Sele eo e nnye thata e a kgaogana, e simolola thulaganyo ya go kgaogana ga disele. Ka nakwana, palo ya disele e oketsega gabedi mo diureng di le 12 go ya go di le 24. Ka bonakonyana fela, go nna le disele tse di kgonang go dira disele tse dingwe (stem cells). 2 Disele tseno di kgona go dira disele tse di farologaneng di ka nna 200 kgotsa go feta, tse di tlhokegang gore go nne le lesea, tse di jaaka disele tsa madi, tsa marapo, tsa ditshika le tse dingwe.

Go ithuta gore lesea le bopega jang mo popelong go dirile gore ke swetse ka gore go na le Mmopi

Disele tse di siameng di tshwanetse di diriwe ka thulaganyo le mo dikarolong tse di siameng. Sa ntlha, di a ikopanya go nna dithishu tse le tsone di tla ikopanyang go nna dirwe le ditokololo tsa mmele. Ke moenjenere ofe yo o ka akanyang ka go kwala tshedimosetso ya thulaganyo eno? Le fa go ntse jalo, tshedimosetso ya go bopega ga lesea le le mo popelong e kwadilwe sentle mo DNA. Fa ke akanya ka bontle jwa thulaganyo eno yotlhe, ke tlhatswega pelo gore Modimo ke ene Mmopi wa botshelo.

Goreng o ile wa nna Mosupi wa ga Jehofa?

Ka bokhutshwane nka re ke lorato. Jesu Keresete o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato loo ga lo tlhaole. Ga lo tlhotlhelediwe ke gore motho o tswa kae, setso kgotsa mmala wa letlalo. Ke ne ka bona ka bo ka itemogela lorato lo lo ntseng jalo fa ke simolola go ikamanya le Basupi.

^ 2. Porofesa Yan-Der Hsuuw ga a dire ka disele tsa motho tse di kgonang go dira disele tse dingwe ka gonne segakolodi sa gagwe ga se mo letle.