Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka E e Ka go Thusang go Itumelela Botshelo

Buka E e Ka go Thusang go Itumelela Botshelo

Batho ba le bantsi ba tlotla Baebele ka gonne ke Lefoko la Modimo. Baebele ga e re bolelele fela gore re obamele Modimo jang mme gape e re thusa go bona gore ke eng se re ka se dirang go itumelela botshelo.

A re boneng dikai tsa batho ba ba reng go ithuta Baebele le go dirisa se se kwadilweng mo go yone, go ba thusitse fela thata.

“Botshelo jwa me bo tokafetse fela thata. Tsela e ke akanyang ka yone le e ke ikutlwang ka yone ga di tlhole di tshwana le pele. Ke itumetse tota.”—Fiona.

“Baebele e nthusitse go itse gore ke tshelelela eng.”—Gnitko.

“Botshelo jwa me bo fetogile thata. Gone jaanong ga ke tlhole ke bereka diura di le dintsi mme ke kgona go fetsa nako e ntsi le lelapa la me.”—Andrew.

Mme go santse go na le batho ba bangwe gape ba bantsi ba ba ikutlwang fela jaaka Fiona, Gnitko le Andrew. Batho ba le bantsi ba lemogile gore Baebele, e ka ba thusa gore ba itumelele botshelo.

A re boneng gore Baebele e ka thusa batho jang gore ba tokafatse  . . .

  • Botsogo jwa bone

  • Tsela e ba laolang Maikutlo a bone ka yone

  • Tsela e ba dirisanang ka yone le ba malapa le ditsala tsa bone

  • Tsela e ba dirisang Madi ka yone

  • Botsala jwa bone le Modimo

Ditlhogo tse di latelang di tla go thusa go bona gore Baebele ke buka e e tswang kwa Modimong le gore e ka go thusa gore o itumelela botshelo.