Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha ka dinaga tsa Amerika

Dintlha ka dinaga tsa Amerika

Dipego tsa dikgang tse di tswang kwa Mafatsheng a a kwa Bophirima di re thusa go bona gore botlhale jo bo fitlhelwang mo Baebeleng bo a thusa.

Fokotsa go Tshwenyega—A o Rata go Bala Di-E-Mail Thata?

Go ya ka patlisiso e e ileng ya dirwa kwa Vancouver kwa Canada, batho ba ka fokotsa go tshwenyega thata ka go leba di e-mail tsa bone gararo ka letsatsi go na le go nna ba di bala kgapetsakgapetsa. Kostadin Kushlev yo o neng a eteletse pele patlisiso eno a re: “Batho ba fitlhela go le thata go sa lebe di e-mail tsa bone mme gone go tila go bala di e-mail kgapetsakgapetsa go thusa go fokotsa go tshwenyega thata.”

SE O KA AKANYANG KA SONE: E re ka re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ a ga re a tshwanela go batla ditsela tsa go fokotsa go tshwenyega thata?—2 Timotheo 3:1.

Go Fokotsa go Tshwara Ditlhapi

Pego ya Wildlife Conservation Society (WCS) ya re kwa Belize le kwa mafelong mangwe a kwa Caribbean “palo ya ditlhapi tse di jaaka di-conch, di-lobster le ditlhapi tse dingwe e ne ya oketsega fa puso e ne e thibela batho go tsaya dilo mo mafelong ano.” Gape pego eo ya re: “Fa re bapisa mafelo a go tshwara ditlhapi le a puso e thibetseng batho go tsaya dilo kwa go one, re lemogile gore go ka tsaya ngwaga go ya go di le thataro gore palo ya ditshedi tse di kwa mafelong ao e oketsege mme go ka tsaya dingwaga di le masomesome gore palo ya mefuta ya ditshedi e felele.” Morulaganyi wa thulaganyo eno ya WCS e bong Janet Gibson o ne a bua jaana ka Belize: “Ruri mafelo a puso e thibetseng batho go tsaya dilo kwa go one a ka thusa gore palo ya ditlhapi le ya ditshedi tse dingwe e oketsege gape.”

SE O KA AKANYANG KA SONE: A ntlha ya go bo ditshedi di kgona go ikoketsa ga e bontshe gore Mmopi wa tsone o botlhale?—Pesalema 104:24, 25.

Thubakanyo Kwa Brazil

Lokwalodikgang lwa Agência la re thubakanyo e a oketsega kwa Brazil. Ka 2012, palo ya batho ba ba ileng ba bolawa e ne e feta 56 000 mme palo eo e kwa godimo thata fa e bapisiwa le dipalo tsa dingwaga tse dingwe tse di ileng tsa tsewa ke ba Lefapha la Botsogo. Moitseanape wa tsa tshireletsego ya Setšhaba e bong Luís Sapori o dumela gore koketsego eo e bontsha gore batho ga ba tlhole ba na le boitshwaro jo bo siameng. A re fa batho ba sa tlhole ba tlotla melao ya puso, “ba simolola go dirisa dikgoka go bona dilo tse ba di batlang.”

A O NE O ITSE? Baebele e ile ya bolelela pele gore lorato “lo tla tsidifala” mme go tlhoka molao go tla oketsega.—Mathaio 24:3, 12.