Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A E TLHAMILWE?

Popego ya Dikgapetla Tsa mo Lewatleng

Popego ya Dikgapetla Tsa mo Lewatleng

DITSHEDI tsa mo lewatleng di sirelediwa ke dikgapa tsa tsone gore di kgone go tshela mo maemong a a thata a boalo jwa lewatle. Tsela e dikgapetla tseno di sireletsang ditshedi tseno ka yone e tlhotlheleditse baenjenere go ithuta gore di bopegile jang ka gonne ba batla go dira dikoloi le matlo a a ka sireletsang batho.

Akanya ka seno: Baenjenere ba ne ba sekaseka mefuta e mebedi ya dikgapetla—o o phukaletseng le o e keteng o sediko.

Baenjenere ba lemogile gore makwapa a a ka fa ntle a kgapetla e e phukaletseng le tsela e kgapetla e e sediko e ithathelelang ka yone di dira gore di nonofe mme di kgone go emelana le sengwe le sengwe se se ka di utlwisang botlhoko. Tsela e dikgapetla tseno ka bobedi di bopegileng ka yone e dira gore fa sengwe se se maatla se di itaya, maatla ao a ye mo dikarolong tsa tsone tse di nonofileng mme seo se dira gore ditshedi tse di nnang mo dikgapeng tseno di se ka tsa gobala.

Gape babatlisisi ba ne ba tsaya dikgapetla tsa mmatota le tse di dirilweng ka motšhini wa maemo a a kwa godimo ba bo ba di bapisa go bona gore ke dife tse di kgonang go emelana le maatla a mantsi. Go ne ga lemogiwa gore dikarolo tse di raraaneng tsa dikgapetla tsa mmatota di di thusa go emelana le maatla a magolo go gaisa tse di dirilweng ka motšhine oo.

Makasine wa Scientific American o ne wa bua jaana ka patlisiso eno: “Fa o ka iphitlhela o kgweetsa koloi e e bopegileng jaaka kgapetla letsatsi lengwe, e tla bo e le ntle e bile e diretswe go sireletsa batho ba ba mo go yone.”

O akanyang? A popego ya dikgapetla tsa mo lewatleng e itlhagetse fela? Kgotsa a e tlhamilwe?