Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshwetso E ke E Dirileng Fa ke Le Ngwana

Tshwetso E ke E Dirileng Fa ke Le Ngwana

E le mosimanyana

Ka 1985, ke ne ke le dingwaga di le lesome fela, fa bana ba ba tswang kwa Cambodia ba ne ba goroga kwa sekolong sa rona kwa Columbus, Ohio, kwa U.S.A. Mosimane mongwe mo baneng bao o ne a itse mafoko a le mmalwa fela a Seesemane. O ne a dirisa ditshwantsho go mpolelela dikgang tse di tshosang tsa kafa batho ba neng ba bogisiwa ka gone, ba bolawa le kafa bangwe ba ileng ba kgona go falola ka gone. Ke ne ke lela bosigo fa ke akanya ka bana bano. Ke ne ke batla go ba bolelela ka tsholofelo ya Paradaise le ka go tsosiwa ga baswi, le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tlhaloganye puo ya me. Le fa ke ne ke le mosimanyana fela, ke ne ka dira tshwetso ya go ithuta Se-Cambodia gore ke kgone go rerela bana ba ke tsenang sekolo le bone, ka Jehofa. Ke ne ke sa lemoge kafa tshwetso eo e neng e tla ama isagwe ya me ka gone.

Go ne go le thata go ithuta Se-Cambodia. Ke ne ka batla go tlogela go ithuta mo e ka nnang makgetlho a le mabedi, le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa batsadi ba me go nkgothatsa. Fa nako e ntse e ya, barutisi ba me kwa sekolong le baithutimmogo le nna ba ne ba nkgothaletsa gore ke batle tiro e e duelang madi a le mantsi. Mme gone, ke ne ke batla go nna mmulatsela, ka jalo kwa sekolong se segolwane, ke ne ka tlhopha go dira dikhoso tse di neng di tla nthusa gore ke bone tiro ya nakwana, gore ke kgone go fitlhelela mokgele wa me. Fa ke tswa sekolong, gantsi ke ne ke bereka tshimo le babulatsela bangwe. Gape ke ne ka ithaopela go ruta baithuti ba ba neng ba ithuta Seesemane e le puo ya bobedi—tshwetso eo e ne ya nthusa thata moragonyana.

Fa ke le dingwaga di le 16, ke ne ka utlwela ka setlhopha sa puo ya Se-Cambodia kwa Long Beach, California, kwa U.S.A. Ke ne ka etela koo, mme ka ithuta go bala Se-Cambodia. Fela fa ke sena go aloga kwa sekolong, ke ne ka tswelela ka tirelo ya bobulatsela mme ka rerela batho ba ba buang Se-Cambodia, ba ba neng ba nna gaufi le kwa gae. Fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka akanyetsa go fudugela kwa Cambodia. Go ne go sa ntse go le kotsi koo, mme gone ke ne ke itse gore mo bathong ba le dimilione di le lesome ba ba nnang kwa Cambodia, ke batho ba le mmalwa fela ba ba setseng ba utlwile dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka nako eo, go ne go na le phuthego e le nngwe fela e e nang le baboledi ba le 13 mo nageng eo yotlhe. Ke ne ka etela Cambodia lekgetlho la ntlha fa ke le dingwaga di le 19. Dingwaga di le pedi morago ga foo, ke ne ka dira tshwetso ya go nna koo. Ke ne ka bona tiro ya nakwana ya go ranola le go ruta Seesemane, e le gore ke kgone go itshedisa fa ke ntse le mo tirelong. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka nyala mosadi yo o neng a na le mekgele e e tshwanang le ya me. Roobabedi re itumelela go thusa batho ba le bantsi ba ba buang Se-Cambodia gore ba neele matshelo a bone mo Modimong.

Jehofa o nneile ‘dikopo tsa pelo ya me.’ (Pes. 37:4) Go dira barutwa ke tiro e e molemolemo go di gaisa tsotlhe. Mo dingwageng di le 16 tse ke di feditseng kwa Cambodia, phuthego e nnye ya batlhanka ba ga Jehofa ba le 13 e godile go nna diphuthego di le 12 le ditlhopha di le nnè tse di kwa thoko!—Jaaka go boletse Jason Blackwell.