Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Taiwan

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Taiwan

BANYALANI bangwe ba jaanong ba leng mo dingwageng tsa bo30 e bong Choong Keon le Julie, e ne e le babulatsela ba ka metlha kwa Sydney, Australia, go fitlha dingwaga tse tlhano tse di fetileng. Choong Keon a re: “Re ne re dira tiro ya boitshediso e e seng ya nako e e tletseng e bile re tshela sentle. Maemo a bosa a ne a le mantle kwa re neng re nna teng e bile botshelo jwa koo bo ne bo iketlile. Re ne re itumelela go nna gaufi le ba lelapa le ditsala.” Le fa go ntse jalo, Choong Keon le Julie ba ne ba tshwenngwa ke digakolodi. Ka ntlha yang? Ba ne ba itse gore maemo a bone a ne a ka ba letla go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa, mme ba ne ba okaoka go dira diphetogo tse di tlhokegang.

Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba le kwa kopanong ka 2009, ba ne ba utlwa puo e e neng ya dira gore ba akanyetse dilo kwa teng. Sebui se ne sa lebisa mafoko a sone mo go ba ba neng ba ka kgona go oketsa bodiredi jwa bone. Se ne sa re: “Akanya ka seno: Mokgweetsi a ka dira gore koloi e ye ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng, mme a ka kgona go dira jalo fela fa koloi e tsamaya. Ka tsela e e tshwanang, Jesu a ka re kaela gore re oketse bodiredi jwa rona mme a ka dira jalo fela fa go na le sengwe se re se dirang—fa re leka ka natla go fitlhelela mokgele wa rona.” * Banyalani bano ba ne ba utlwa e kete sebui se bua le bone. Kwa go yone kopano eo, go ne ga botsolodiwa banyalani ba barongwa ba ba neng ba direla kwa Taiwan. Ba ne ba tlhalosa kafa ba itumelelang bodiredi ka teng mme ba gatelela gore go sa ntse go tlhokega thuso e ntsi. Le mo lekgetlong leno Choong Keon le Julie ba ne ba utlwa e kete mafoko ano a ne a lebisitswe mo go bone.

Julie a re: “Morago ga kopano eo, re ne ra rapela Jehofa gore a re neye bopelokgale jwa gore re tseye kgato mme re fudugele kwa Taiwan. Le fa go ntse jalo, re ne re tshaba. Go ne go ntse jaaka e kete re ne re tloga re itatlhela mo letamong le le boteng la go thuma, e le lekgetlo la ntlha.” Temana e e ileng ya ba thusa go tsaya kgato eo e ne e le Moreri 11:4 e e reng: “Yo o lebeletseng phefo ga a na go jala peo; mme yo o lebileng maru  ga a na go roba.” Choong Keon a re: “Re ne ra swetsa ka gore re tlogele go ‘leba’ mme re simolole go ‘jala le go roba.’” Ba ne ba rapela ba sa kgaotse, ba bala dipego tsa matshelo a barongwa, ba romelelana di-e-mail le ba ba setseng ba fudugetse kwa Taiwan, ba rekisa dikoloi tsa bone le fanitšhara mme ba goroga kwa Taiwan dikgwedi di le tharo moragonyana.

GO UTLWA MONATE WA GO RERA

Ga jaana bakaulengwe le bokgaitsadi ba feta 100 ba ba tswang kwa dinageng di sele ba direla kwa Taiwan kwa mafelong a go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata kwa go one. Ba tswa kwa Australia, Boritane, Canada, Fora, Japane, Korea, Spain le kwa United States mme dingwaga tsa bone di fa gare ga 21 le 73. Bangwe ba bone ke bokgaitsadi ba feta 50 ba ba seng mo lenyalong. Ke eng se se thusitseng bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba tlhagafetseng gore ba dire bodiredi jwa bone kwa nageng e sele? Mma re bone.

Laura

Kgaitsadi mongwe yo o seng mo lenyalong e bong Laura, yo o tswang kwa Canada, ke mmulatsela kwa bophirima jwa Taiwan. Mme dingwaga di ka nna lesome tse di fetileng o ne a sa rate tiro ya go rera gotlhelele. Laura a re: “Ke ne ke sa rate bodiredi ka gonne ke ne ke sa fetse nako e e lekaneng mo go jone.” Mme ditsala tsa gagwe tsa kwa Canada di ne tsa mo kopa gore a tsamaye le bone go ya kwa Mexico go ya go rera le bone lobaka lwa kgwedi. “E ne e le lekgetlo la ntlha ke fetsa nako e ntsi mo bodireding mme se se gakgamatsang ke gore ke ne ka bo itumelela!”

Maitemogelo ao a a itumedisang a ne a tlhotlheletsa Laura gore a akanyetse go fudugela kwa phuthegong ya puo e sele kwa Canada. O ne a ikwadisetsa khoso ya go ithuta Se-China, a direla mo setlhopheng sa Se-China a bo a ipeela mokgele wa go fudugela kwa Taiwan, o a neng a o fitlhelela ka Lwetse 2008. Laura a re: “Go ntsere mo e ka nnang ngwaga gore ke tlwaele lefelo le lesha le ke leng mo go lone, mme ga jaana ga ke ipone ke boetse kwa Canada.” O ikutlwa jang ka tiro ya go rera? A re: “Ke a e itumelela. Ga go na selo se se itumedisang go feta go bona kafa batho ba ba ithutang Baebele ba fetolang matshelo a bone ka gone fa ba ntse ba ithuta ka Jehofa. Go direla mo Taiwan go dirile gore ke nne le boitumelo jo bogolo jalo makgetlo a le mantsi.”

 BOTHATA JWA GO SA ITSE PUO SENTLE

Brian le Michelle

Banyalani bangwe ba ba mo dingwageng tsa bo30 ba ba tswang kwa United States e bong Brian le Michelle ba ne ba fudugela kwa Taiwan dingwaga di ka nna robedi tse di fetileng. Kwa tshimologong ba ne ba bona e kete ga ba atlege mo bodireding. Mme morongwa mongwe yo o nang le maitemogelo o ne a ba raya a re: “Le fa o ka naya motho pampitshana fela, o tshwanetse go gakologelwa gore e ka tswa e le lekgetlo la ntlhantlha motho yoo a utlwa molaetsa ka Jehofa. Ka jalo, o setse o nna le seabe sa botlhokwa mo bodireding!” Mafoko ao a a kgothatsang a ne a thusa Brian le Michelle thata gore ba se ka ba itlhoboga. Mokaulengwe yo mongwe ene o ne a ba raya a re: “E le gore lo se ka lwa kgobega marapo, lepang kgatelopele ya lona ya go ithuta Se-China e seng letsatsi le letsatsi, mme kopano nngwe le nngwe.” Ruri ba ne ba gatela pele mme gompieno ke babulatsela ba ba atlegileng.

Ke eng se se ka go tlhotlheletsang gore o simolole go ithuta puo e sele? Leka go etela naga e o ka ratang go direla kwa go yone. Ya dipokanong koo, itsalanye le bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo lefelong leo mme o tsamaye le bone mo tirong ya go rera. Brian a re: “Fa o sena go bona gore batho ba le bantsi ba amogela molaetsa wa Bogosi mme o bona lorato lo logolo lwa bakaulengwe le bokgaitsadi, o tla tlhotlheletsega go lebana le dikgwetlho tsa go direla kwa nageng e sele.”

GO TWENG KA TIRO YA BOITSHEDISO?

Kristin le Michelle

Batho ba le bantsi ba ba fudugetseng kwa go nang le tlhokego e kgolo ya bareri gone kwa Taiwan ba ile ba kgona go itshedisa ka go ruta Seesemane fa e ntse e le babulatsela. Kristin le Michelle ba rekisa ditlhapi. Kristin a re: “Ke ne ke ise ke tsamaye ke dire tiro ya mofuta ono mme e nthusa gore ke tswelele ke nna mo nageng eno.” Fa nako e ntse e ya, Kristin o ne a nna le batho ba ba rekang mo go ene ka metlha. Tiro eno e e seng ya nako e e tletseng e dira gore a kgone go itshedisa ene le mosadi wa gagwe, mme e dira gore ba nne le nako e e lekaneng go dira tiro ya botlhokwa—tirelo ya bobulatsela, go nna batshwari ba batho.

“ITUMELELE LOETO”

Banyalani bangwe ba kwa United States e bong William le Jennifer, ba ne ba goroga mo Taiwan mo e ka nnang dingwaga di le supa tse di fetileng. William a re: “Go ithuta puo, go nna mmulatsela, go tlhokomela phuthego le go dira madi a a lekaneng gore o tlamele lelapa go a tle go lapise.” Ke eng se se ba thusitseng gore ba atlege ba bo ba nne ba itumetse? Ba leka go ipeela mekgele e ba ka kgonang go e fitlhelela. Ka sekai, e re ka ba ne ba sa ipeele mekgele e go neng go ka nna thata go e fitlhelela fa ba ntse ba ithuta Se-China, ga ba a ka ba kgobega marapo thata fa ba ne ba sa kgone go se itse ka bonako.

William le Jennifer

William o gopola se molebedi mongwe yo o etang a neng a mmolelela sone nako nngwe a re: “Itumelele loeto, e seng lefelo le o yang kwa go lone fela.” Ka mafoko a mangwe, fa re sena go ipeela mokgele wa semoya re tshwanetse go itumelela dikgato tse re di tsayang gore re o fitlhelele. William a re go dirisa kgakololo eo go thusitse ene le mosadi wa gagwe gore ba fetofetoge le maemo, ba reetse kgakololo e ba neng ba e newa ke bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba lefelo leo le go fetola tsela e ba dirang dilo ka yone gore ba kgone go atlega mo bodireding jwa bone mo nageng e ntšha. Gape a re: “Seo se ne sa re thusa le gore re gopole go ipha nako ya go itumelela bontle jwa tlhago jwa setlhaketlhake seno se re abetsweng mo go sone.”

Fela jaaka William le Jennifer, kgaitsadi mongwe yo o seng mo lenyalong yo o tswang kwa United States e bong Megan le ene o itumelela tirelo ya gagwe fa a ntse a leka go fitlhelela mokgele wa gagwe wa go bua Se-China sentle. Mafelobeke mangwe le mangwe o tsamaya le setlhopha sa baboledi ba ba rerang kwa tshimong e e kgatlhang—kwa boemakepeng jwa Kaohsiung, e leng boemakepe jo bogolo go a gaisa otlhe kwa Taiwan. Megan o kgonne go rera dikgang tse di molemo go tswa mo sekepeng se sengwe go ya kwa go se sengwe le go rerela batshwaraditlhapi ba ba tswang kwa Bangladesh, India, Indonesia, Philippines, Thailand le Vanuatu. “E re ka batshwaraditlhapi ba fetsa nako e khutshwane mo boemakepeng, re simolola dithuto tsa Baebele le bone gone fela foo. Gore ke ba fitlhelele botlhe, gantsi ke  ithuta le batho ba le banè kgotsa ba le batlhano ka nako e le nngwe.” Mme go ithuta Se-China go tsamaya jang? A re: “Ke eletsa e kete nka ithuta ka bonako, mme ke nna ke gopola mafoko a mokaulengwe mongwe a neng a mpolelela one, ‘Dira bojotlhe mme Jehofa o tla go okeletsa.’”

Megan

E BABALESEGILE, E MOTLHOFO GAPE E MONATE

Pele Cathy yo o tswang kwa Boritane a fudugela kwa nageng e sele, o ne a dira dipatlisiso go bona gore ke kabelo efe ya naga e sele e e babalesegileng gore e ka dirwa ke kgaitsadi yo o seng mo lenyalong. O ne a bolelela Jehofa ka thapelo dilo tse a tshwenyegileng ka tsone a bo a kwalela diofisi di le mmalwa tsa makala, a botsa ka dikotsi tse di ka tlhagelang bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong. Morago ga moo, o ne a sekaseka ka kelotlhoko dikarabo tsa makwalo a gagwe mme a swetsa ka gore Taiwan ke yone e e mo siametseng.

Ka 2004, fa Cathy a na le dingwaga di le 31, o ne a fudugela kwa Taiwan, mme o leka ka natla go tshela botshelo jo bo sa raraanang. A re: “Ke ne ka botsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore nka reka kae maungo le merogo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Kgakololo ya bone e e molemo e ne ya nthusa go boloka madi.” Ke eng se se mo thusang go tswelela a tshela botshelo jo bo sa raraanang? Cathy a re: “Ka metlha ke rapela Jehofa gore a nthuse go kgotsofalela dijonyana tse ke di jang le diaparo tse di sa jeng madi a mantsi tse ke di aparang. Ke akanya gore Jehofa o araba dithapelo tsa me ka go nthuta go itse se ke se tlhokang le go nthusa gore ke kgotsofale le fa ke se na sengwe le sengwe se ke se batlang.” Gape a re: “Ke itumelela botshelo jwa me jo bo sa raraanang ka gonne bo nthusa go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya.”

Cathy

Le fa go ntse jalo, Cathy ga a tshele botshelo jo bo sa raraanang fela mme gape o itumetse. O tlhalosa lebaka la seo a re: “Ke kgona go rera kwa lefelong le batho ba le bantsi ba amogelang dikgang tse di molemo kwa go lone. Seo se intumedisa fela thata!” Fa a ne a goroga kwa Taiwan, go ne go na le diphuthego di le pedi tsa Se-China kwa toropong e a neng a le mmulatsela mo go yone, mme gompieno go na le diphuthego di le supa. Cathy a re: “Go iponela ka matlho koketsego eno e e gakgamatsang le go nna le seabe mo thobong, go dira gore letsatsi le letsatsi botshelo jwa me bo nne monate tota!”

“LE NNA TOTA BA NE BA NTLHOKA!”

Go feletse kae ka Choong Keon le Julie ba go builweng ka bone kwa tshimologong ya setlhogo seno? Kwa tshimologong Choong Keon o ne a akanya gore ga a na mosola go le kalo mo phuthegong ka gonne a sa itse Se-China sentle. Mme bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba sa akanye jalo. Choong Keon a re: “Fa phuthego ya rona e ne e kgaoganngwa go nna tse pedi, ke ne ka newa maikarabelo a mangwe a le mantsi ke le motlhanka wa bodiredi. Ka nako eo, ke ne ke ikutlwa gore tota ke direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya bareri gone.” O bua jaana a nyenya: “Go ne go itumedisa gore le nna tota ba ne ba ntlhoka!” Gompieno Choong Keon ke mogolwane. Julie a re: “Re ikutlwa re fitlheletse sengwe, re kgotsofetse e bile re itumetse go feta le fa e le leng pele. Re tlile kwano re tla go thusa mme re akanya gore maitemogelo ano a a itumedisang a thusitse rona. Re leboga Jehofa go bo a re letlile go direla mono!”

Dinaga di le dintsi di sa ntse di tlhoka badiri ba ba oketsegileng mo thobong ya semoya. A o tloga o fetsa sekolo mme o ipotsa gore o tla dirang ka botshelo jwa gago? A o motho yo o seng mo lenyalong mme o eletsa go thusa mo go oketsegileng mo phuthegong ya ga Jehofa? A o ka rata gore lelapa la gago le nne le dilo tse dintsi tse le ka di gopolang mo tirelong ya ga Jehofa? A o rotse tiro mme o na le maitemogelo mo botshelong a o ka a abelang ba bangwe? O ka tlhomamisega gore o tla bona masego a magolo fa o swetsa ka go oketsa bodiredi jwa gago ka go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone.