Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikaelelo Jwa Botshelo ke Bofe?

Boikaelelo Jwa Botshelo ke Bofe?

Boikaelelo Jwa Botshelo ke Bofe?

KE KA NTLHA YANG FA KARABO YA POTSO ENO E LE BOTLHOKWA? Nngwe ya dilo tse dikgolo tse di tshwenyang batho ke kgang ya gore botshelo ga bo na bokao le boikaelelo. Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o nang le boikaelelo jo bo rileng mo botshelong o kgona go itshokela ditiragalo tse di sa itumediseng le go boa a siama gape. Viktor E. Frankl, ngaka e e alafang malwetse a boboko yo o neng a falola go gailwa ga batho ke Banasi, o ne a kwala jaana: “Le fa gone ke sa tlhomamisege, ke tsaya gore selo se segolo mo lefatsheng se se ka thusang motho thata go itshokela maemo a a maswe go gaisa ke go itse gore go na le lebaka la go bo a tshela.”

Le fa go ntse jalo, go na le dikgopolo di le dintsi tse di farologaneng malebana le kgang eno. Ba le bantsi ba tsaya gore motho o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore boikaelelo jwa botshelo ke eng. Kafa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba ba dumelang mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe ba ruta gore botshelo ga bo na bokao bope jwa mmatota.

Le fa go ntse jalo, tsela e e utlwalang sentle ya go bona boikaelelo jwa botshelo ke go botsa Moneibotshelo, Jehofa Modimo. Akanya ka se Lefoko la gagwe le se bolelang ka kgang eno.

Se Baebele e se Buang

Baebele e ruta gore Jehofa Modimo o ne a na le boikaelelo jo bo rileng fa a ne a bopa monna le mosadi. Jehofa o ne a naya batsadi ba rona ba ntlha taelo eno.

Genesise 1:28. “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.”

Modimo o ne a ikaeletse gore Adame le Efa le bana ba bone ba dire lefatshe lotlhe paradaise. O ne a sa ikaelela gore batho ba tsofale le go swa; e bile o ne a sa batle gore batho ba senye tikologo. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba dira ditshwetso tse di seng botlhale, re ruile boleo le loso. (Genesise 3:2-6; Baroma 5:12) Mme gone, boikaelelo jwa ga Jehofa ga bo ise bo fetoge. Go ise go ye kae lefatshe le tla nna paradaise.—Isaia 55:10, 11.

Jehofa o re bopile re itekanetse mo mmeleng e bile re na le bokgoni jwa go akanya gore re diragatse boikaelelo jwa gagwe. O ne a sa re bopela gore re tshele kwantle ga gagwe. Ela tlhoko kafa boikaelelo jwa Modimo ka rona bo tlhalosiwang ka gone mo ditemaneng tse di latelang tsa Baebele.

Moreri 12:13. “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”

Mika 6:8. “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”

Mathaio 22:37-39. “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’”

Kafa Karabo ya Baebele e Lereng Kagiso ya Mmatota ya Mogopolo ka Gone

Gore motšhine ope o o raraaneng o bereke sentle, o tshwanetse go dirisediwa se modiri wa one a o diretseng sone le ka tsela e a neng a ikaeletse gore o dirisiwe ka yone. Ka tsela e e tshwanang, fa re sa batle go ikgobatsa—e ka ne e le mo semoyeng, mo tlhaloganyong, mo maikutlong kgotsa mo mmeleng—re tshwanetse go tshela ka tsela e Modiri wa rona a neng a ikaeletse ka yone. Ela tlhoko kafa go itse boikaelelo jwa Modimo go ka lereng kagiso ya mogopolo ka gone mo dikarolong tse di latelang tsa botshelo.

Fa batho ba akanyetsa dilo tse di tlang pele mo matshelong a bone, ba le bantsi gompieno ba dirisa matshelo a bone go ikgobokanyetsa dikhumo. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko.”—1 Timotheo 6:9, 10.

Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba ithutang go rata Modimo go na le go rata madi ba lemoga sephiri sa go nna le kgotsofalo. (1 Timotheo 6:7, 8) Ba tlhaloganya botlhokwa jwa go bereka ka natla e bile ba itse gore ba na le boikarabelo jwa go itlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (Baefeso 4:28) Mme gape ba tsaya tsia mafoko ano a ga Jesu a a tlhagisang: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.”—Mathaio 6:24.

Ka jalo, go na le gore batho ba ba ratang Modimo ba beye tiro ya boitshediso kgotsa go gagamalela dikhumo kwa pele mo matshelong a bone, ba amegile thata ka go dira thato ya Modimo. Ba itse gore fa ba tsaya go dira thato ya Modimo go le botlhokwa thata mo botshelong jwa bone, Jehofa Modimo o tla ba tlhokomela. Tota e bile, Jehofa o ikutlwa a patelesega go ba tlhokomela.—Mathaio 6:25-33.

Ba le bantsi ba ipaya kwa pele fa ba dirisana le batho ba bangwe. Gompieno, lefatshe le tlhoka kagiso, segolobogolo ka gonne batho ba le bantsi ba fetogile “baithati, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:2, 3) Fa mongwe a ba swabisa kgotsa a sa dumalane le kakanyo ya bone, ba tlala “bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba.” (Baefeso 4:31) Go na le gore seo se lere kagiso ya mogopolo, go palelwa jalo ke go ikgapa go “tsosa manganga.”—Diane 15:18.

Go farologana le seo, batho ba ba ikobelang taelo ya Modimo ya go rata moagelani wa bone jaaka ba ithata ba ‘pelonomi mongwe go yo mongwe, ba pelotlhomogi ka bonolo, ba itshwarelana ba gololesegile.’ (Baefeso 4:32; Bakolosa 3:13) Tota le fa ba bangwe ba sa ba tshware ka bopelonomi, ba leka go etsa Jesu, yo e rileng a gobololwa “a se ka a gobolola le ene.” (1 Petere 2:23) Jaaka Jesu, ba tlhaloganya gore go kgotsofatsa tota go direla ba bangwe, tota le batho ba ba sa lebogeng se ba se direlwang. (Mathaio 20:25-28; Johane 13:14, 15; Ditiro 20:35) Jehofa Modimo o naya ba ba etsang Morwawe moya o o boitshepo mme moya ono o dira gore ba ikutlwe ba na le kagiso ya mmatota mo matshelong a bone.—Bagalatia 5:22.

Le fa go ntse jalo, tsela e o lebang isagwe ka yone e ka ama jang kagiso ya gago ya mogopolo?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Motho o tshwanetse go nna le boikaelelo jo bo rileng mo botshelong

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o re ruta kafa re ka nnang le kagiso ya mogopolo ka gone