Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Tla Tshwanelwa ke go Goa ke Kopa Thuso ka Lobaka lo lo Kae?”

“Ke Tla Tshwanelwa ke go Goa ke Kopa Thuso ka Lobaka lo lo Kae?”

“Ke Tla Tshwanelwa ke go Goa ke Kopa Thuso ka Lobaka lo lo Kae?”

Jayne o ne a bua jaana a lela: “Ke batla go ikhutsa ditlhabi!” O ne a na le kankere mme e ne e ntse e anama mo mmeleng otlhe. Ba lelapa la gagwe le ditsala ba ne ba eletsa e kete ba ka kgona go mo fodisa le go fedisa botlhoko jo bo ngomolang pelo jo a neng a bo utlwa. Ba ne ba rapela Modimo gore a mo thuse. A o ne a tla ba reetsa? A o ne a amega ka bone?

MODIMO o bona maemo a batho ba lebaneng le one. Lefoko la gagwe e leng Baebele, la re: “Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” (Baroma 8:22) Modimo o a itse gore go na le dimilione tsa batho ba jaaka Jayne, ba utlwang botlhoko letsatsi le letsatsi, e ka tswa e le mo mmeleng, mo maikutlong kgotsa mo tlhaloganyong. Modimo o bona dimilione di le 800 tsa batho ba ba robalang ka tlala letsatsi le letsatsi, dimilione tsa ba bangwe ba ba bogang ka ntlha ya tirisodikgoka mo malapeng gape o bona le batsadi ba bantsi ba ba tshwenyegileng ka isagwe le tshireletsego ya bana ba bone. A o kile wa ipotsa gore a Modimo o tla dira sengwe go rarabolola mathata ano? Boammaaruri ke gore, e re ka rona re batla go thusa batho ba re ba ratang, a Modimo ene a ka se ka a batla go thusa batho ba a ba bopileng?

Fa e le gore o a tle o ipotse dipotso tseo, ga o nosi. Dingwaga di feta 2 600 tse di fetileng, monna yo o ikanyegang e bong Habakuke o ne a ikutlwa jaaka batho ba bantsi gompieno ba ikutlwa, mme o ne a botsa Modimo jaana: “Ao tlhe Jehofa, ke tla tshwanelwa ke go goa ke kopa thuso ka lobaka lo lo kae, mme o sa utlwe? Ke tla ikuela kwa go wena ka lobaka lo lo kae gore o thuse mo thubakanyong, mme o sa boloke? Ke ka ntlha yang fa o dira gore ke bone se se utlwisang botlhoko, mme o nnela go leba a e leng matshwenyego fela? Le gone ke ka ntlha yang fa thopo le thubakanyo di le fa pele ga me, mme ke ka ntlha yang fa go nna le komano, e bile ke ka ntlha yang fa go tsoga kgogakgogano?” (Habakuke 1:2, 3) Habakuke yo e neng e le moporofeti wa Mohebera, o ne a bona thubakanyo e e tsitsibanyang mmele le tirisodikgoka e e neng e dirwa ke batho ba motlha wa gagwe. Le gompieno, batho ba ba pelotlhomogi ba utlwisiwa botlhoko ke ditiragalo tse di ntseng jalo tse di diregang letsatsi le letsatsi.

A Modimo o ne a tsaya gore Habakuke o tshwenyega thata go sa tlhokege? Nnyaa le e seng! O ne a reetsa dipotso tsa monna yono yo o neng a tshwenyegile thata mo maikutlong mme a mo gomotsa le go mo kgothatsa. Jehofa Modimo o ne a nonotsha tumelo ya ga Habakuke ka go mo solofetsa gore o tla fedisa pogo. Le wena molaetsa wa Modimo o o nayang tsholofelo o ka go gomotsa, fela jaaka o ile wa gomotsa Jayne le ba lelapa la gagwe. Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno: Re ka tlhomamisega jang gore tota Modimo o amega ka rona? Modimo o tla dira eng go fedisa pogo, mme o tla dira seo leng?