Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka eng fa a ne a bua ka ‘mokoloko wa phenyo’?

Paulo o ne a re: ‘Modimo o re etelela pele mo mokolokong wa phenyo re patilwe ke Keresete e bile a dira gore lonko lwa kitso ya gagwe lo utlwale ka rona mo lefelong lengwe le lengwe! Gonne mo Modimong re lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo go ba ba bolokwang le mo go ba ba nyelelang; mo go ba ba nyelelang re lonko lo lo tswang mo losong go ya losong, mo go ba ba bolokwang re lonko lo lo tswang mo botshelong go ya botshelong.’—2 Bakorintha 2:14-16.

Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka tlwaelo ya Baroma ya go dira mokoloko wa phenyo go tlotla mojenerale yo o fentseng baba ba Puso. Ka nako ya meletlo eo, dilo tse di thopilweng le batho ba ba tshwerweng ka nako ya ntwa ba ne ba bewa kwa pele mme dipoo di ne di ntshiwa setlhabelo fa mojenerale yo o fentseng le masole a gagwe ba galalediwa ke setšhaba. Fa ba sena go dira mokoloko wa phenyo, dipoo di ne di ntshiwa setlhabelo mme go bonala magolegwa a le mantsi a ne a bolawa.

The International Standard Bible Encyclopedia ya re tshwantshiso ya “lonko lo lo monate lwa ga Keresete” e e kayang botshelo mo go bangwe mme loso mo go ba bangwe go “bonala e tswa mo tlwaelong ya Baroma ya go fisa maswalo fa ba ntse ba le mo mokolokong. Monko o o kayang phenyo ya bafenyi o ne o gopotsa magolegwa gore ba tloga ba bolawa.” *

‘Mafelo a a kwa godimo’ a a umakiwang gangwe le gape mo Dikwalong Tsa Sehebera ke eng?

Fa Baiseraele ba ne ba tloga ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Jehofa o ne a ba raya a re ba nyeletse mafelo otlhe a Bakanana ba ba nnang koo ba neng ba obamela kwa go one. Modimo o ne a ba laela jaana: “Lo . . . senye ditshwantsho tsotlhe tsa bone tsa maje, gape lo senye ditshwantsho tsotlhe tsa bone tsa tshipi e e thetsweng, lo bo lo nyeletse mafelo otlhe a bone a a kwa godimo a a boitshepo.” (Dipalo 33:52) Mafelo ao a kobamelo ya maaka e ka tswa e ne e le mafelo a a kwa setlhoeng sa thaba kgotsa a a agilweng kwa mafelong a mangwe jaaka kafa tlase ga ditlhare kgotsa mo metseng. (1 Dikgosi 14:23; 2 Dikgosi 17:29; Esekiele 6:3) A ka ne a na le dibeso, dipilara kgotsa dikota tse di boitshepo, ditshwantsho, ditlhomo tsa maswalo le dilo tse dingwe tse di neng di dirisiwa mo kobamelong.

Pele go agiwa tempele kwa Jerusalema, Baiseraele ba ne ba obamela Jehofa kwa mafelong a a letleletsweng a Dikwalo di reng ke mafelo a a kwa godimo. Moporofeti wa Modimo e bong Samuele o ne a ntsha ditlhabelo kwa “lefelong le le kwa godimo” kwa motseng o o sa umakiwang ka leina mo nageng ya Sufe. (1 Samuele 9:11-14) Le fa go ntse jalo, fa tempele e sena go agiwa, dikgosi di le mmalwa tse di neng di ikanyega mo go Jehofa di ne tsa leka go tlosa “mafelo a a kwa godimo” a a neng a le kwa Jerusalema.—2 Dikgosi 21:3; 23:5-8, 15-20; 2 Ditiragalo 17:1, 6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go bona tlhaloso ya gore setshwantsho sa ga Paulo se kaya eng ka tsela ya tshwantshetso, bona Tora ya Tebelo ya November 15, 1990, tsebe 27.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Karolo ya setshwantsho se se bontshang mokoloko wa phenyo ya Baroma, mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph taken by courtesy of the British Museum

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Masalela a dipilara tse di boitshepo, kwa Gesere