Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshela Ka se O Nang le Sone—Kafa go ka Dirwang ka Gone

Go Tshela Ka se O Nang le Sone—Kafa go ka Dirwang ka Gone

AKANYA o na le kgamelo e e dutlang mme o tshwanelwa ke go dira gore e nne e tletse metsi. O ne o ka dira seo jang? Fa fela o ka tshela metsi a a lekanang le a a dutlang, kgamelo e tla nna e tletse.

Go tshela ka se o nang le sone go ntse fela jalo. Madi a o a amogelang a ka tshwantshiwa le metsi a o a tshelang mo kgamelong. Ditshenyegelo tsa gago di tshwana le metsi a a dutlang mo kgamelong. O lebana le kgwetlho ya gore o se ka wa letla ditshenyegelo tsa gago di feta madi a o a amogelang.

Le fa go le motlhofo go tlhalosa kafa motho a ka tshelang ka se a nang le sone ka teng, tota go go dira ga go motlhofo jalo. Batho ba ne ba ka tila mathata a mantsi a tsa madi fa fela ba ne ba ka iketleeletsa go dirisa kgakololo eno ya go tshela ka se ba nang le sone. Seo se ka dirwa jang? Re ka bona kae kaelo e e ka re solegelang molemo? Baebele e na le tshedimosetso e ntsi e e ka re thusang mo kgannyeng eno. A re sekaseke ka bokhutshwane se e re bolelelang sone.

Melaometheo ya Baebele e e Tla go Thusang

Baebele e na le melaometheo e le mentsi e e molemo e e ka go thusang go dirisa madi a gago sentle. Re tla tlhatlhoba e le mmalwa fela ya yone. Leka go bona gore a melaometheo eno e ka se go thuse go tshela ka se o nang le sone.

Dira thulaganyo ya kafa o tla dirisang madi ka teng.

Gore o kgone go dirisa madi sentle, o tshwanetse go itse gore o amogela madi a a kana kang le gore o a dirisa mo go eng. Baebele ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) Bangwe ba dirisa mokgwa o o sa raraanang wa dienfelopo. Enfelopo nngwe le nngwe e kwalwa sengwe se madi a tla dirisiwang mo go sone, jaaka “Dijo,” “Rente” kgotsa “Diaparo.” Le fa o ka tswa o dirisa mokgwa ono o o motlhofo kgotsa o mongwe o o raraaneng, selo sa botlhokwa ke gore o itse gore madi a gago a ya kae, ka metlha o dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele, e seng dilo tsa manobonobo.

Tila go tswela dilo tsa batho ba bangwe pelo.

Batho ba le bantsi ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologang ba eletsa dilo tsa batho ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologileng. Batho ba le bantsi ba raelesega go batla dilo tse baagelani ba bone ba ikgantshang ka tsone. Seno e ka nna serai. Gongwe le ene moagelani yono ga a tlhole a na le madi a go di duelela. A go botlhale go batla go latela mongwe mo boeleeleng jwa gagwe o bo o felela o na le mathata a madi? Baebele e tlhagisa jaana: “Motho yo o leitlho le le pelotshetlha o lelekisa khumo, a sa itse gore o tla tlelwa ke letlhoko.”—Diane 28:22, The Jerusalem Bible.

Dira gore botshelo jwa gago bo nne bo sa raraana.

Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe gore ba boloke leitlho la bone le “sa raraana.” (Mathaio 6:22) Go tlhopha go reka nku le beine mme o ka kgona fela go reka bupi le mashi, go ka dira gore o nne le mathata a tsa madi. Go ya ka pego nngwe ya Asian Development Bank, mo e batlang e le nngwetharong ya palo ya batho ba kwa Philippines le palo e e fetang halofo ya ba ba nnang kwa India ba tshela ka madi a a kwa tlase ga R9,80 ka letsatsi, e leng madi a kwa Asia a tsewang a le mannye thata mo a ka se kgoneng go reka dilo tse motho a ka se tsheleng kwantle ga tsone. Fa batho ba na le madi a mannye jalo, go botlhale gore ba reke fela dilo tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, tota le kwa dinageng tse di humileng, molaomotheo oo o ka thusa batho gore ba se nne le mathata a mantsi a tsa madi.

Kgotsofalela se tota o se tlhokang.

Seno se dumalana sentle le kgakololo ya go dira gore botshelo jwa gago bo nne bo sa raraana. Baebele e naya kgakololo eno mo go 1 Timotheo 6:8: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” Bangwe ba batho ba ba itumetseng thata mo lefatsheng ba na le madi a mannye; le fa go ntse jalo, ba kgotsofalela se ba nang le sone, se se sa akaretseng fela dilo tse di bonalang mme le lorato lwa ba lelapa le ditsala.—Diane 15:17.

Tila dikoloto tse di sa tlhokegeng.

Ruri mafoko ano a Baebele a boammaaruri: “Mohumi ke yo o busang bahumanegi, mme moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang”! (Diane 22:7) Le fa go na le maemo mangwe a mo go one go ka lebegang o ka se ka wa kgona go tila dikoloto, gantsi batho ba ba dirang dikoloto tse di sa tlhokegeng e le fela gore ba reke sengwe se ba se batlang, ba tla iphitlhela ba tsene ka tlhogo mo dikolotong. Seo se ka direga thata fa go dirisiwa dikarata tsa sekoloto. Makasine wa Time wa re: “Fa re sena go nna le karata ya sekoloto, re simolola go dirisa madi re sa akanye.” Eric, yo o nnang kwa Philippines, a re: “Fa ke dirisa karata ya sekoloto, gantsi ke reka dilo tse dintsi go gaisa fa ke reka ka madi. Thulaganyo ya me ya go dirisa madi e a kgoreletsega fa ke tshwanelwa ke go duela sekoloto.” Ruri re tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa re dirisa karata ya sekoloto!—2 Dikgosi 4:1; Mathaio 18:25.

Boloka madi pele o reka.

Le fa go boloka madi pele o reka sengwe go ka lebega e le mokgwa wa bogologolo, tota go dira jalo ke nngwe ya ditsela tse di molemo thata tse di ka go thusang gore o se ka wa nna le mathata a tsa madi. Go dira jalo go thusa ba le bantsi gore ba se ka ba nna le dikoloto le mathata a a bakiwang ke tsone, a a jaaka madi a mantsi a morokotso a kgabagare motho a tshwanelwang ke go a duela mo godimo ga tlhwatlhwa ya sengwe le sengwe se a se rekang. Mo Baebeleng, tshoswane e tlhalosiwa e le “botlhale” ka gonne e boloka ‘dijo ka nako ya thobo’ gore e di je mo isagweng.—Diane 6:6-8; 30:24, 25.

‘Re buisana gore re ka dirisa bokae mo dilong tse dingwe’

Ithute mo Bathong ba Bangwe

Kgakololo yotlhe ya Baebele e re tlotlileng ka yone e ka utlwala e siame, mme gone a ruri e thusa batho gore ba tshele ka se ba nang le sone? Mma re ele tlhoko maitemogelo a bangwe ba ba neng ba dirisa kgakololo e e ntseng jalo mme ba kgona go lebana le kgwetlho ya go dirisa madi sentle.

Diosdado, rre wa bana ba le banè, a re mathata a bosheng jaana a ikonomi a dirile gore go nne thata go naya ba lelapa la gagwe se ba se tlhokang. Le fa go ntse jalo, o lemoga botlhokwa jwa go dira thulaganyo ya go dirisa madi. A re: “Ke dira thulaganyo ya kafa ke tla dirisang ka teng madi otlhe a ke a amogelang. Ke na le lenaane la dilo tse ke tla dirisang madi a me mo go tsone.” Danilo le ene o dira jalo. Kgwebo e potlana e ene le mosadi wa gagwe ba neng ba na le yone e ne ya wa. Le fa go ntse jalo, ba kgona go reka dilo tse ba di tlhokang ka gonne ba na le thulaganyo ya go dirisa madi. A re: “Re itse gore go tsena bokae kgwedi le kgwedi, gape re itse gore go tswa bokae go duelela ditshenyegelo. Re akantse ka seo, re buisana gore re ka dirisa bokae mo dilong tse dingwe.”

‘Go na le go ya dipokanong tsa Bokeresete ka dipalangwa, jaanong re itsamaela ka maoto’

Bangwe ba fitlhetse go le molemo gore ba fokotse dilo tse ba di rekang gore ba kgone go latela thulaganyo e ba e dirileng ya go dirisa madi. Myrna, motlholagadi yo o godisang bana ba le bararo, a re: “Go na le gore re dirise dipalangwa tsa botlhe fa re ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, jaanong nna le bongwanake re tsamaya ka maoto.” Myrna o dirile ka natla go thusa bana ba gagwe go ithuta botlhokwa jwa go tshela botshelo jo bo sa raraanang. A re: “Ke lekile go nna sekao se se molemo sa go dirisa molaomotheo o o mo go 1 Timotheo 6:8-10, o o bontshang botlhokwa jwa gore motho a kgotsofalele se a nang le sone.”

Gerald, rre wa bana ba le babedi, le ene o dirile jalo. A re: “Ka nako ya thuto ya rona ya lelapa ya Baebele, re tlotla ka maitemogelo a Bakeresete ba ba tlhomang mogopolo mo dilong tse tota di leng botlhokwa, dilo tse di amanang le kamano ya bone le Jehofa. Go nnile le diphelelo tse di molemo ka gonne bana ba rona ga ba nnele go kopa dilo tse tota di seng botlhokwa.”

‘Ke tila go reka dilo ke sa akanye’

Janet ga a nyalwa mme ke moithaopi wa nako e e tletseng yo o rutang batho Baebele kwa Philippines. O sa tswa go felelwa ke tiro, mme o tshela ka se a nang le sone. A re: “Ke dira jalo ka go ikgalemela le go rulaganya dilo ka kelotlhoko gore ke dirise madi sentle. Go na le gore ke reke dilo kwa dimmolong, ke senka mabenkele a a rekisang dilo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Ke tla bo ke rekelang dilo ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo mme nka kgona go di reka ka madi a a kwa tlase? Gape ke tila go reka dilo ke sa akanye.” Janet o bona botlhokwa jwa go boloka madi pele a reka. A re: “Fa go direga gore go nne le madi a a salang, tota le fa a ka nna mannye, ke a a boloka gore ke a dirise fa go ka nna le ditshenyegelo tse ke neng ke sa di lebelela.”

Malebana le dikarata tsa sekoloto, Eric yo o umakilweng pelenyana a re: “Ga ke dirise karata ya sekoloto ntle le fa go na le maemo a tshoganyetso.” Diosdado le ene a re: “Gore ke kgone go ithiba, gantsi ke tlogela karata ya me ya sekoloto kwa ofising.”

O ka Kgona go Tshela Ka se O Nang le Sone

Gone ke boammaaruri, batho ba le bantsi ba lemoga gore le fa Baebele e bua thata ka dilo tse di ka re thusang gore re atamalane le Jehofa, gape e re naya dikaelo tse di ka re solegelang molemo mo dilong tsa senama. (Diane 2:6; Mathaio 6:25-34) Fa o dirisa melaometheo ya Baebele e go tlotlilweng ka yone mo setlhogong seno le fa o ithuta mo bathong ba bangwe ba ba solegetsweng molemo ke go dirisa melaometheo eno, le wena o ka kgona go tshela ka se o nang le sone. Fa o dira jalo, o ka kgona go tila masetlapelo le ditlhobaelo tse dintsi tse dimilionemilione tsa batho ba nang le tsone gompieno.