Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Dikotsi Tsa Masetlapelo

Go Lebana le Dikotsi Tsa Masetlapelo

E re ka dikotsi tsa masetlapelo a tlholego di ntse di oketsega e bile di senya go feta le fa e le leng pele, ke eng se motho a ka se dirang go lebana le tsone? Mma re bone dikgato di le mmalwa tse di molemo tse di ka tsewang.

Tswa mo lefelong le le kotsi.

Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” (Diane 22:3) Eno ke kgakololo e e molemo e e ka dirisiwang malebana le kgang ya dikotsi tsa masetlapelo. Fa go ntshiwa tlhagiso ya gore lekgwamolelo le tloga le thunya, gore go ka nna le morwalela kgotsa gore go tla kgwanyape kgotsa sefefo se segolo, go tla bo go le botlhale gore batho ba ba mo lefelong leo ba tswe mo go lone mme ba tshabele kwa lefelong le le sireletsegileng. Botshelo bo botlhokwa go feta ntlo kgotsa dithoto tse dingwe.

Ba bangwe ba ka nna ba kgona go tlhopha go nna mo lefelong le dikotsi tsa masetlapelo a tlholego di sa diregeng thata mo go lone. Kgatiso nngwe ya re: “Dikotsi tsa masetlapelo a tlholego di direga thata mo mafelong a a rileng. Karolo e nnye thata ya lefatshe ke yone e welwang ke bontsi jwa dikotsi tsa masetlapelo a tlholego mme bontsi jwa dikotsi tse dikgolo tsa masetlapelo tsa mo isagweng di tla diragala mo go one mafelo ano.” Ka sekai, seno se ka tswa se le boammaaruri kwa dikgaolong tse di kwa tlase tse di bapileng le lotshitshi kgotsa mo mafelong a thoromo ya lefatshe e ka diregang mo go one. Fa o kgona go tila go nna mo mafelong a a kotsi kgotsa o kgona go fudugela kwa lefelong le le sireletsegileng, o ka fokotsa kgonagalo ya go welwa ke dikotsi tsa masetlapelo.

Nna o ipaakantse.

Le fa o ka tswa o tsere dikgato tsotlhe tsa go tila ditlamorago, o ka nna wa iphitlhela o wetswe ke kotsi e e sa lebelelwang ya masetlapelo. Go ka nna motlhofo gore o e itshokele fa o ipaakantse go sa le gale. Gape seno se dumalana le kgakololo e e mo go Diane 22:3 e e umakilweng pelenyana. A o na le lebokose le le rulagantsweng sentle la dilwana tse o ka di tsayang fa o tswa ka lepotlapotla? Kgatiso ya 1-2-3 of Disaster Education e kgothaletsa gore go tsenngwe dilo tse di latelang mo lebokoseng leo: Dilwana tsa thuso ya potlako, lebotlolo la metsi, dijo tse di sa senyegeng le ditlankana tsa botlhokwa. Gape go tla bo go le botlhale gore o tlotle le lelapa la gago ka mefuta ya dikotsi tsa masetlapelo tse di ka diregang le gore ke eng se se ka dirwang mo maemong mangwe le mangwe.

A o na le lebokose le le rulagantsweng sentle la dilwana tse o ka di tsayang fa o tswa ka lepotlapotla?

Dira gore o nne o na le kamano e e gaufi le Modimo.

Seno se ka thusa mo maemong ape fela. Baebele ya re Modimo ke “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” Temana e nngwe e mo tlhalosa e le Modimo “yo o gomotsang ba ba sulafetseng pelo.”—2 Bakorintha 1:3, 4; 7:6.

Modimo o bona dilo tse di diragalelang batho ba ba mo ikanyang. Ke Modimo yo o lorato e bile o re naya kgothatso e e molemo ka ditsela tse di farologaneng. (1 Johane 4:8) Go rapelela moya o o boitshepo wa Modimo o o maatla e seng dikgakgamatso go ka thusa mo maemong ape fela. Moya o o boitshepo o ka gopotsa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo ditemana dingwe tsa Baebele tse di gomotsang le tse di nametsang. Ruri batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ka ikutlwa fela jaaka Dafide, kgosi ya kwa Iseraele wa bogologolo, yo o neng a re: “Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula, gonne o na le nna; thobane ya gago le lore lwa gago ke dilo tse di nkgomotsang.”—Pesalema 23:4.

Go rapelela moya o o boitshepo o o maatla e seng dikgakgamatso go ka thusa mo maemong ape fela

Bakeresete ba a thusana.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moporofeti wa Mokeresete e bong Agabuse o ne a re “leuba le legolo le ne le tloga le tla mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni; se, tota e bile, se neng sa diragala mo nakong ya ga Kalaudio.” Barutwa ba le bantsi ba ga Jesu ba kwa Judea ba ne ba amiwa thata ke leuba leo. Barutwa ba kwa mafelong a mangwe ba ne ba dira eng fa ba utlwa ka leuba le le wetseng Bakeresete ka bone? Pego ya re: “Ba e leng ba barutwa ba ne ba swetsa, kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a ka kgona ka gone, go romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.” (Ditiro 11:28, 29) Ka lorato ba ne ba ba naya dilwana tsa namolo.

“Ke ne ke ikutlwa ke ratiwa e bile ke sireletsegile”

Fa go nna le dikotsi tse dikgolo tsa masetlapelo gompieno, batlhanka ba Modimo ba dira se se tshwanang. Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata ka go thusa badumedi mmogo le bone. Ka sekai, fa thoromo e kgolo ya lefatshe e ne e itaya Chile ka February 27, 2010, ka potlako fela Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa ba ba neng ba amegile mo tiragalong eo. Karla, yo ntlo ya gagwe e neng e gogotswe ke tsunami, o ne a re: “Go ne go gomotsa e bile go kgothatsa go bona [Basupi ka nna] ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng ba tla go re thusa mo letsatsing le le latelang. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a re gomotsa a dirisa bopelontle jwa baithaopi bao. Ke ne ke ikutlwa ke ratiwa e bile ke sireletsegile.” Rremogolo wa ga Karla yo e seng Mosupi o ne a bona kafa ba thusitsweng ka teng. O ne a re: “Seno se farologane thata le se ke se boneng ka dingwagangwaga kwa kerekeng e ke e tsenang.” Se a se boneng se ile sa mo tlhotlheletsa gore a kope Basupi ba ga Jehofa gore ba ithute Baebele le ene.

Bakeresete ba thusana go lebana le ditlamorago tsa dikotsi tsa masetlapelo

Go kopanela le batho ba ba ratang Modimo go ka thusa thata ka nako ya mathata. Le fa go ntse jalo, a go tla tsamaya go nna le nako e ka yone go tla bong go se na dikotsi tsa masetlapelo mo lefatsheng? Mma re bone gore Baebele ya reng ka kgang eno.