Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

A Lefatshe le Tla Fela?

A Lefatshe le Tla Fela?

▪ Batho bangwe ba ne ba dumela gore lefatshe le ne le tla fela ka October 21, 2011. Mme ga le a ka la fela. Ka jalo, polelelopele ya mogasi mongwe wa radio wa kwa United States e bong Harold Camping ga e a ka ya diragala. O ne a boleletse pele gore Letsatsi la Katlholo le ne le tla tla ka May 21, 2011—go ne go tla nna le thoromo e kgolo mo lefatsheng lotlhe mme dikgwedi di le tlhano morago ga moo, ka October 21, lefatshe le ne le tla fela.

Le fa go ntse jalo, lefatshe le ka se fele le ka motlha. Mmopi wa lone a ka se letle gore le fele. Lefoko la gagwe la re: “O tlhomamisitse lefatshe ka thata, gore le nne le eme.”—Pesalema 119:90.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba batho ba ba balang Baebele ba ka ganetsa ba re lefatshe le tla senngwa ka molelo. Ba dirisa 2 Petere 3:7, 10 go tshegetsa se ba se dumelang: “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi. . . . Le fa go ntse jalo letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, le mo go lone magodimo a tla fetang ka modumo o o sumang, mme dilo tse di a bopang e re ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologa, mme lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.” A mafoko a ga moaposetoloi Petere a tshwanetse go tsewa fela jaaka a ntse?

Nnyaa. Ka ntlha yang? Ka gonne re ka tlhaloganya ditemana tseno ka tsela e e tshwanetseng fa re bapisa se Petere a neng a bua ka sone mo lekwalong la gagwe le dikarolo tse dingwe tsa Baebele. Fa ditemana tseno di tsewa fela jaaka di ntse, seo se ne se tla kaya gore magodimo kgotsa lobopo—dinaledi di le dibilionebilione le dilo tse dingwe tse di mo lobopong—lo tla lailwa ka molelo fela ka gonne karolwana ya lone e nnye e na le batho ba ba boikepo. A o ne o ka fisa kgetsi yotlhe ya matonkomane fela ka gonne letonkomane le le lengwe le bodile? Go ne go tla bo go sa utlwale go dira jalo! Mme le Jehofa o ne a ka se senye lobopo lotlhe lwa gagwe ka gonne go ile ga nna le botsuolodi mo karolong e le nngwe fela ya popo ya gagwe.

E bile, go leba dilo jalo ga go dumalane gotlhelele le mafoko a ga Jesu Keresete, yo o neng a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5; Pesalema 37:29) A rre yo o lorato o ne a ka agela ba lelapa la gagwe ntlo e ntle go tswa foo a bo a e ja ka molelo? (Pesalema 115:16) Ruri go ka se direge! Jehofa ke Mmopi e bile ke Rre yo o lorato.—Pesalema 103:13; 1 Johane 4:8.

Petere o dirisa lefoko “lefatshe” ka tsela ya tshwantshetso a bua ka batho—mo kgannyeng eno a kaya batho ba ba boikepo. Ela tlhoko gore Petere o tshwantsha kgang eno le Morwalela wa motlha wa ga Noa. (2 Petere 3:5, 6) Mo tiragalong eo, go ne ga senngwa batho ba ba boikepo fela; lefatshe ka bolone, Noa yo o siameng le ba lelapa la gagwe ba ne ba falola. Ka tsela e e tshwanang, tsela e Petere a dirisang lefoko “magodimo” ka yone, le yone ke ya tshwantshetso. Mo kgannyeng eno lefoko “magodimo” le kaya puso ya batho. Ka gone, baikepi ba ba sa fetogeng ba tla nyelediwa, fela jaaka dipuso tsotlhe tse di boikepo tse di tla fedisiwang di bo di emisediwa ke puso kgotsa Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong.—Daniele 2:44.

Ka jalo, a lefatshe le tla fela? Nnyaa. Go tla fela lefatshe la tshwantshetso kgotsa batho ba ba boikepo. Lefatshe ka bolone le batho ba ba tla bong ba ikobela Modimo ba tla nna ka bosakhutleng.—Diane 2:21, 22.