Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ATAMALANA LE MODIMO

“Nnang lo Kope, Mme lo Tla Newa”

“Nnang lo Kope, Mme lo Tla Newa”

“Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone.” (Luke 11:1) Mongwe wa barutwa ba ga Jesu o ne a kopa jalo. Mo karabong ya gagwe, Jesu o ne a bua ka ditshwantsho tse pedi tse di re rutang kafa re ka rapelang ka teng le gore Modimo a re utlwe. Fa e le gore o kile wa ipotsa gore a Modimo o utlwa dithapelo tsa gago, o tla itumelela go utlwa karabo ya ga Jesu.—Bala Luke 11:5-13.

Mo setshwantshong sa ntlha go buiwa ka motho yo o rapelang. (Luke 11:5-8) Mo kgannyeng eo, monna o amogela moeng go le bosigo mme ga a na dijo tse a ka di mo nayang. Kgang eno e botlhokwa thata mo mothong yo o amogelang moeng. Go sa kgathalesege gore ke nako mang, o ya kwa ntlong ya tsala ya gagwe go ya go kopa senkgwe. Kwa tshimologong, tsala e itsapa go tsoga ka ntlha ya gore ba lelapa la gagwe le bone ba robetse. Mme monna yo o etetsweng o tswelela a kopa kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong go fitlhela tsala ya gagwe e tsoga e bo e mo naya se e nang le sone. *

Setshwantsho seno se re ruta eng ka thapelo? Jesu o re bolelela gore re tlhoka go kopa re sa kgaotse—go tswelela re kopa, re batla le go kokota. (Luke 11:9, 10) Ka ntlha yang? A Jesu o raya gore Modimo o itsapa go araba dithapelo tsa rona? Nnyaa. Jesu o bontsha gore go farologana le tsala e e okaokang go thusa yo mongwe, Modimo ene o iketleeditse go araba dikopo tsa batho ba ba mo rapelang ka tumelo. Re bontsha tumelo eo ka go kopa re sa kgaotse. Fa re kopa gangwe le gape, re bontsha gore tota re tlhoka se re se kopang e bile re na le tumelo e e feletseng ya gore Modimo a ka re se naya—fa e le gore se re se kopang se tumalanong le thato ya gagwe.—Mareko 11:24; 1 Johane 5:14.

Setshwantsho sa bobedi se bua ka “Moutlwi wa Thapelo,” Jehofa. (Pesalema 65:2) Jesu o botsa jaana: “Go na le rrabana ofe mo go lona yo, fa morwawe a kopa tlhapi, gongwe a tla mo nayang noga mo boemong jwa tlhapi? Kgotsa fa gape a kopa lee, a tla mo nayang phepheng?” Karabo e tlhamaletse—ga go na rre yo o ka nayang bana ba gagwe dilo tse di tla ba utlwisang botlhoko. Jaanong Jesu o tlhalosa bokao jwa setshwantsho ka gore: Fa e le gore bana ba kgona go newa “dimpho tse di molemo” ke borre ba bone ba ba sa itekanelang, “a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo”—mpho e kgolo go di gaisa—a o naya bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba ba mo o kopang! *Luke 11:11-13; Mathaio 7:11.

Modimo o iketleeditse go araba dikopo tsa batho ba ba mo rapelang ka tumelo

Setshwantsho seno se re ruta eng ka Jehofa, “Moutlwi wa thapelo”? Jesu o re kopa gore re lebe Jehofa e le Rre yo o amegang ka rona, yo o iketleeditseng go naya bana ba gagwe se ba se tlhokang. Ka jalo, baobamedi ba ga Jehofa ba ka mo kopa sengwe le sengwe ka kgololesego. E re ka ba itse gore o batla go ba direla se se molemo, ba ka amogela karabo ya gagwe, le fa karabo eo e se e ba neng ba e solofetse. *

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka April

Luke 7-21

^ ser. 4 Setshwantsho sa ga Jesu se bontsha botshelo jwa mmatota jwa letsatsi le letsatsi. Bajuda ba ne ba tsaya go bontsha moya wa go amogela baeng e le tiro e e botlhokwa thata. Lelapa le ne le dira senkgwe se se lekaneng letsatsi leo, ka jalo, go kopa e ne e le selo se se tlwaelegileng fa se ne se fedile. Gape, fa ba ne ba humanegile, lelapa lotlhe le ne le robala fa fatshe mo phaposing e le nngwe fela.

^ ser. 6 Gangwe le gape Jesu o ne a dirisa mafoko a a reng ‘a bo bogolo jang ne’—a bontsha kafa selo se sennye se ka thusang ka gone mo dilong tse di botlhokwa.

^ ser. 7 Fa o batla go itse mo go oketsegileng kafa o ka rapelang ka teng le gore Modimo a go utlwe, bona kgaolo 17 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.