Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

“Ga ke Tlhole ke Akanya Gore ke Tshwanetse go Fetola Lefatshe”

“Ga ke Tlhole ke Akanya Gore ke Tshwanetse go Fetola Lefatshe”
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1966

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: FINLAND

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOLWELADIPHETOGO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke sa le ke rata dilo tsa tlholego go tloga fa ke ne ke sa le ngwana. Gantsi lelapa la gaetsho le ne le itumelela go ya go bona dikgwa tse di kgatlhang le matsha a mantle a a gaufi le toropo ya gaetsho ya Jyväskylä kwa Central Finland. Gape ke rata diphologolo. Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke batla go tlamparela katse le ntša nngwe le nngwe e ke e bonang! Fa ke ntse ke gola, ke ne ka simolola go tshwenngwa ke tsela e batho ba sotlang diphologolo ka yone. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka tsenela mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa diphologolo, mme ke ne ka kopana le batho ba ba ikutlwang jaaka nna.

Re ne ra lwela ditshwanelo tsa diphologolo ka tlhoafalo. Re ne ra phasalatsa tshedimosetso le go rulaganya megwanto le ditshupetso tse di kgatlhanong le mabenkele a a rekisang dilwana tsa boboa le dilaboratori tse go dirwang ditlhatlhobo ka diphologolo mo go tsone. Re ne ra tlhoma le mokgatlho o mosha wa tshireletso ya diphologolo. E re ka re ne re tsaya dikgato tse di masisi go leka go fitlhelela boikaelelo jwa rona, gantsi re ne re nna le mathata le balaodi. Ke ne ka tshwarwa ka makgetlho a le mmalwa le go isiwa kwa kgotlatshekelo.

Mo godimo ga go tshwenyega ka diphologolo, ke ne ke tshwenngwa ke mathata a mangwe a a mo lefatsheng. Kgabagare ke ne ka ikgolaganya le mekgatlho e mengwe e le mmalwa, go akaretsa le wa Amnesty International and Greenpeace. Ke ne ke dirisa maatla a me otlhe go tshegetsa se ba se dirang. Ke ne ke buelela bahumanegi, batho ba ba bolawang ke tlala le batho ba bangwe ba ba tlhokang.

Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go lemoga gore nka se fetole lefatshe. Le fa gone mekgatlho eo e ne ya kgona go rarabolola mathata mangwe a a sa reng sepe, go ne go lebega mathata a magolo a etegela. Go ne go ntse e kete boikepo bo koafatsa lefatshe lotlhe e bile go se na ope yo o kgathalang. Ke ne ke ikutlwa ke se na maatla.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

E re ka ke ne ke hutsafadiwa ke go bo ke sa kgone go dira sepe, ke ne ka simolola go akanya ka Modimo le ka Baebele. Nkile ka  ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa gone ke ne ke lemoga gore Basupi ba pelonomi e bile ba nkgatlhegela, ke ne ke ise ke siamele go fetola tsela e ke tshelang ka yone. Mme mo lekgetlhong leno, go ne go sa tshwane le pele.

Ke ne ka tsaya Baebele ya me mme ka simolola go e bala. E ne ya nkgomotsa tota. Ke ne ka bona ditemana di le dintsi tse di re rutang go tshwara diphologolo sentle. Ka sekai, Diane 12:10 e bolela gore: “Batho ba ba siameng ba tlhokomela diphologolo tsa bone.” (Good News Translation) Gape ke ne ka lemoga gore Modimo ga se ene a bakang mathata a lefatshe. Go na le moo, mathata a rona a etegela pele ka gonne batho ba le bantsi ga ba reetse ditaelo tsa gagwe. Ke ne ka itumela thata fa ke ithuta ka lorato lwa ga Jehofa le bopelotelele jwa gagwe.—Pesalema 103:8-14.

Mo go yone nako eno, ke ne ka bona setlankana sa go kopa go romelelwa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? mme ka se romela. Go ise go ye kae, banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba nketela, ba kopa go ithuta Baebele le nna mme ka dumela. Gape ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi. Ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go rata se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng.

Mme ka ntlha ya Baebele, ke kgonne go dira diphetogo tse dintsi. Ke ne ka tlogela go goga motsoko le go nwa bobe. Ke ne ka fetola tsela e ke lebegang ka yone le puo ya me. E bile ke ne ka fetola le tsela e ke ikutlwang ka yone ka balaodi ba puso. (Baroma 13:1) Gape ke ne ka tlogela ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang, e e neng e le karolo ya botshelo jwa me e ke neng ke sa bontshe boikgapo mo go yone.

Phetogo e go neng go le thata go e dira e ne e le go baakanya tsela e ke neng ke leba mekgatlho e e lwelang ditshwanelo tsa batho le tsa diphologolo sentle ka yone. Go tsere lobaka gore ke fetoge. Kwa tshimologong, ke ne ke ikutlwa e kete ke tla bo ke tlhanogela mekgatlho eno fa ke e tlogela. Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go lemoga gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo tla tlisang diphetogo tsa mmatota mo lefatsheng. Ke ne ka swetsa ka gore ke dirise maatla a me otlhe mo go tshegetseng Bogosi joo le go thusa ba bangwe go ithuta ka jone.—Mathaio 6:33.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

E re ka ke ne ke le molweladiphetogo, ke ne ke itlhaganelela go atlhola batho ka ditlhopha tse pedi—ba ba siameng kgotsa ba ba sa siamang—e bile ke ne ke iketleeleditse go lwantsha ba ke neng ke ba tsaya gore ga ba a siama. Mme ka ntlha ya Baebele, ga ke tlhole ke tlhoile batho ba bangwe. Go na le moo, ke leka go nna le lorato lwa Bokeresete mo bathong botlhe. (Mathaio 5:44) Tsela e nngwe e ke bontshang lorato lono ka yone ke ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ke itumelela go bona kafa tiro e e molemo eno e rotloetsang kagiso le boitumelo ka teng le kafa e nayang batho tsholofelo ya mmatota ka teng.

Ke na le kagiso ya mogopolo ka go bo ke tlogeletse Jehofa dilo tsotlhe. Ke tlhomamisegile gore e re ka e le Mmopi, ga a kitla a letlelela gore diphologolo le batho ba sotlelwe ruri le e leng go letla lefatshe la rona le lentle le senngwa. Go na le moo, ka Bogosi jwa gagwe o tla tloga a baakanya tshenyo yotlhe e e bakilweng ke batho. (Isaia 11:1-9) Go itse boammaaruri jono go dira gore ke itumele thata e bile go dira gore ke thuse ba bangwe go bo ikanya. Ga ke tlhole ke akanya gore ke tshwanetse go fetola lefatshe.